Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:16 - Setswana 1970

16 lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Ka go bela lehuku ya botselo pele; gore ki itumele mo motleñ oa ga Keresete, ha ki le ki sa sianele lehela, khotsa ki riheletse lehela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 lo ntse lo ntshitse lefoko la botshelo ka letsogo; gore ke tle ke dirane le mo ke ipelafatsang ka gone mo motlheng wa ga Keresete, ka go re, ga ke a ka ka sianela, le fa e le go direla lefela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:16
24 Iomraidhean Croise  

Ke kgatlhwa ke go dira tse di go natefelang, Modimo wa me; molao wa gago o mo teng ga me.”


Modimo, o nthutile go tswa bokaung jwa me; ke ntse ke bolela dikgakgamatso tsa gago go fitlhelela kajeno.


Mme nna ka re: “Ke itapiseditse lefela, ka fedisetsa thata ya me boithamako fela. Mme ruri tshiamelo ya me e mo Moreneng, tuelo ya me e mo Modimong wa me.”


Se ke se lo bolelelang mo lefifing, lo se bue mo leseding; le se lo se sebelwang, lo se utlwatse lo le mo godimo ga matlo.


“Ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o impolelang fa pele ga batho, Morwa-Motho le ene o tla mo ipolela fa pele ga baengele ba Modimo.


Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo.


Simone Petoro a mo araba a re: “Morena, re tla ya go mang? Wena o na le mafoko a bophelo jo bo sa khutleng;


“Banna ba ga etsho, bomorwa lotso lwa ga Aborahame le ba ba boifang Modimo mo go lona, lefoko la pholoso e, le rometswe rona;


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


Ka moo he, ke siana jaaka yo o sa akabaleng; ke lwa jaaka yo o sa iteyeng loapi.


jaaka lo setse lo re lemogile go se gonene gore re pelafalo ya lona, fela jaaka le lona lo le ya rona ka letsatsi la ga Jesu, Morena wa rona.


Mme ke ne ka ya teng ke dirwa ke tshenolo, ka ba beela Efangele pele e ke e rerelang baheitane, mme ba ba kaiwang ba bagolo bone ka e ba beela pele ba le bosi, e se re gongwe ka bo ke tabogetse lefela gompieno gongwe metlha e e fetileng.


Ke a lo boifela e se re gongwe ka bo ke lo itapiseditse lefela.


le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,


Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,


Kana tsholofelo ya rona gongwe boitumelo jwa rona gongwe serwalo sa tlotlo sa rona ke mang? A ga se le lona fa pele ga Jesu Morena wa rona mo go tleng ga gagwe?


Jaanong ya re ke palelwa ke go tlhola ke itshoka, ka roma motho ka ntlha ya moo gore ke tle ke itse tumelo ya lona, e se re gongwe moraedi a bo a lo raetse, mme tiro ya rona ya nna lefela.


Gonne Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale mabedi; le a phololela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole dikakanyo le maikutlo a pelo.


lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri.


Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo –


Mme Mowa le Monyalwi ba re: “Tlaya!” Le yo o utlwang a a re: “Tlaya!” Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang, a a tsee metsi a botshelo e se ka sepe!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan