Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:15 - Setswana 1970

15 gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Gore lo si ne le molatu, lo ne tsiamo, bana ba Morimo ba ba sa buelegeñ, mo gareñ ga losika loa cokamo, le loa khañ, lo lo phatsimañ mo go lona yaka maseri mo lehatsiñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 gore lo nne ba ba se nang molato, le ba ba bokgwabo, lo le bana ba Modimo ba ba se nang bogole mo gare ga losika lo lo kgopo le logwadi, ba lo bonalang mo go bone jaaka masedi mo lefatsheng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:15
42 Iomraidhean Croise  

Gonne ditulo tsa katlholo di eme teng, ditulo tsa ntlo ya ga Dafita.


Ke fa Baiseraele ba bona sefatlhego sa ga Moše, ba fitlhela letlalo la sefatlhego sa ga Moše le phatsima, mme Moše a busetsa lesire mo sefatlhegong sa gagwe, go ya a be a tsene gape go bua nae.


Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.


Mafoko otlhe a molomo wa me a siame; ga go na bolotsana le fa e le tshokamo mo go ona.


Tsoga, o sedimogelwe! Gonne lesedi la gago le tsile, mme kgalalelo ya Morena e go tlhabetse.


Ka moo baokamedi mmogo le dikgosana ba batla lebaka go ka baya Daniele molato ntlheng ya puso, mme ba palelwa ke go bona molato gongwe tshenyo mo go ene; ka gonne o ne a ikanyega, go sa bonwe phoso epe le e seng tshenyo mo go ene.


“Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka moo he, nnang botlhale jaaka dinoga, lo be lo nne ba nnete jaaka maeba.


Jesu a fetola a re: “A batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo! Kana ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela goleele go le kae? Mo tsiseng kwano go nna!”


gore lo nne bana ba ga Rraeno yo o kwa magodimong; gonne o tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe, o nesetsa basiami le basiamolodi pula.


Ka moo he, siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo.


Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.


Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.


Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang, mme lona lo ne lwa rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana fela.


A supa, a ba a ba kaela ka mafoko a mantsi a mangwe a re: “Ineeleng go pholosiwa, lo tswe mo mofuteng ono o o kgopo!”


Le mo go lona ka losi go tla tsoga banna ba ba buang tse di sokameng gore ba fapose barutwa, ba sale bone morago.


Kana kutlo ya lona e itsegile mo go botlhe. Ka moo ke a lo itumelela, ke bile ke eletsa gore lo tlhalefele molemo; mme lo sisimoge bosula.


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


Ka moo: “Tswayang mo gare ga bone, lo lomologane nabo, go bua Morena; lo se ka lwa ama se se itshekologileng, mme ke tla lo tshola.”


gore a itlhomele phuthego e e tlotlegang e e se nang sebala, le fa e le matsutsuba, gongwe se sengwe se se ntseng jalo, mme e nne e e boitshepo, e e sa nyatsegeng.


Ba o senyeditse. Ga se bana ba one, ba tshwana le tshubaba fela; ke losika lo lo sokameng lo lo kgopo gotlhe.


le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,


ka fa tlhoafalong ke ne ke le mmogisi wa phuthego, ka fa tshiamong e e leng ka molao ke sa nyatsege.


Mme a Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe; a mewa ya lona le maphelo a lona le mebele ya lona di bolokwe, e nne tse di itekanetseng, di se na molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.


Le bone a ba tlhatlhojwe pele; ke gona ba ka dirang tiro ya bodiredi, fa ba se na nyatsego.


Mme jaanong modisa wa phuthego o tshwanetse a bo a se na molato, e le monna wa mosadi a le mongwe fela, a le tekano, a na le tlhaloganyo, a na le mekgwa e mentle, a tshola baeng, a nonofile mo go ruteng;


Ka ntlha ya moo ke batla gore batlholagadi ba e sa ntseng e le batho ba bašwa ba nyalwe, ba tshole bana, ba dise lelapa, gore ba se nee moganetsi lebaka la go kgoba.


Ba ba leofang o ba kgalemele fa pele ga botlhe gore ba bangwe le bone ba boife.


Dilo tseo le tsona o di ba laele gore ba nne ba ba se nang molato.


yo o tlhongwang a e nne yo o se nang molato, monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bonweng molato wa botlhaswa gongwe boitaolo;


ba se itseele sepe, mme ba itshupe ka boikanyo jotlhe jo bo molemo gore ba kgabise thuto ya Modimo, Morepholosi, mo dilong tsotlhe.


Dilo tseo o di bue, o kaele, o supe se e leng molato ka tlhoafalo yotlhe. A go se nne ope yo o go nyatsang.


Gonne moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo o ne a batlega mo go rona, yo o boitshepo, a se na bosula, a se na sebala, a kgaogantswe le baleofi, a tlhatloga go feta magodimo;


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.


Jaanong gopola se o oleng mo go sona o tlhabologe, o dire ditiro tsa ntlha; fa o sa dire jalo, ke tla tla koo go wena, ke tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo bonnong jwa sona, fa o sa tlhabologe.


Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan