Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:13 - Setswana 1970

13 gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Gone Morimo ko ona o o rihañ mo go lona go rata le go riha, kaha nateheloñ ea ona ka gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 gonne Modimo ke one o o dirang mo go lona go ikaelela le go dira, e le go re o dira go kgatlhega ga one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:13
39 Iomraidhean Croise  

Mme a o sekamisetse dipelo tsa rona kwa go ona gore re sepele gotlhe mo ditseleng tsa ona, re tshegetse ditaolo tsa ona le melao ya ona le ditshiamelo tsa ona tse o di laetseng borraetsho.


Le gona seatla sa Modimo sa tla mo Bajuteng ka go ba naya pelo e le nngwe go dira se kgosi le dikgosana di se laetseng ka fa lefokong la Morena.


Ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko la Morena le o le buileng ka molomo wa ga Jeremia – Morena a tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re:


Ke fa go nanoga ditlhogo tsa dikgoro tsa Juta le Benyamene le baperesiti le Balefi le mongwe le mongwe yo Modimo o tsositseng mowa wa gagwe, go boela le go aga Ntlo ya Morena yo o kwa Jerusalema.


“A go bakwe Morena Modimo wa borraetsho o o tsentseng tse di ntseng jalo mo pelong ya kgosi gore e kgabise Ntlo ya Morena e e kwa Jerusalema;


Kgosi ya mpotsa ya re: “Ke eng se o se batlang?” Ka rapela Modimo wa legodimo,


Bonang, Modimo o direla motho tsotlhe tseo gabedi le gararo,


Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube.


Sekegela pelo ya me kwa ditshupong tsa gago, mme e seng kwa boikhumisong.


Se sokololele pelo ya me kwa selong se se bosula go dira ditiro tsa boikepo le banna ba ba dirang bosula, mme a ke se je monate o ba o jang.


Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.


Morena, ò tla re direla kagiso, gonne ditiro tsotlhe tsa rona le tsona ò di re feleditse.


“Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena a re jalo.


Ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna Modimo wa bone.


“Se boifeng, letsomanenyana; gonne go natefetse Rraeno go lo naya puso.


“Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”


Johane a araba a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a sa se newa ke Modimo.


Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna.


A boa a re: “Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara.”


Letsogo la Morena la nna nabo, mme ba bantsi ba dumela, ba sokologela mo Moreneng.


Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe.


gonne e rile bana ba ise ba tsalwe, ba ise ba dire molemo gongwe bosula,


Jaanong he, ga se ga yo o ratang, gongwe ga yo o tabogang, mme ke ga Modimo fela o o utlwelang botlhoko;


go na le dinonofo tsa mefutafuta, mme Modimo o mongwe fela o o dirang tsotlhe mo go botlhe.


Mme ke se ke leng sona ke ka bopelotlhomogi jwa Modimo; mme bopelotlhomogi jwa ona mo go nna e ne e se lefela. Ke dirile bogolo go bone botlhe, mme e se nna, ke bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo nang le nna.


Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong


Ee, mo go ene, yo re dirilweng ba ona ka ene, rona ba re tlhomamisitsweng pele ka fa maikaelelong a ona o o dirang tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga ona


ka o sa le o re tlhomamisa pele ka lorato go nna bana ba ona ka Jesu Keresete ka fa natefelong ya thato ya ona,


ka go re itsise bosaitsiweng jwa thato ya ona e o neng o e ikaeletse mo go ene,


gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.


Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata,


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


a o lo nonotshe mo go sengwe le sengwe se se siameng gore lo dirafatse thato ya ona o o dirang mo go lona se se o kgatlhang ka Jesu Keresete; a kgalalelo e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan