Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:9 - Setswana 1970

9 Mme ke rapela gore lorato lwa lona lo nne lo golele pele mo kitsong le mo temogong nngwe le nngwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi ki rapela yalo, gore lorato loa lona lo bo lo ne logolu bogolu mo kicoñ, le mo ikutluoñ eotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:9
19 Iomraidhean Croise  

Mme mosiami o tla sala mo tseleng ya gagwe; yo o diatla di phepa o tla nna a tiela pele.


Nthute bopelotheri le kutlwisiso le kitso, gonne ke dumela ditaelo tsa gago.


Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.


Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna.


A e re jaaka lo humile gotlhe, e bong mo tumelong le mo lefokong le mo kitsong le mo botlhageng jotlhe le mo loratong lo lo tswang mo go rona, lwa tsalega mo go lona, lo tlhokomele gore lo hume le mo tirong eo ya lorato.


Ka moo he, se nneng bosilo, mme tlhaloganyang se e leng go rata ga Morena.


Ke gona ka moo le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe kitso ya thato ya ona ka botlhale jotlhe le temogo tse di tswang mo Moweng,


mme lo apere motho yo mošwa yo o ntšhwafalediwang kitso ka fa setshwanong sa ona o o mo tlhodileng,


A Morena a lo godise, a ba a lo totise loratong lwa go ratana le lwa go rata botlhe jaaka le rona re lo rata,


Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela.


Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele.


gore tumelo ya gago e re kopanyeng nao ka yona e itshupe ka kitso ya tse di molemo tsotlhe tse di mo go rona, e le go direla Keresete.


Mme dijo tse di loileng ke tsa ba ba godileng, ba ba nang le maikutlo a a tlwaeditsweng go ka farologanya tse di molemo le tse di bosula.


E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang,


Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan