Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:8 - Setswana 1970

8 Modimo ke mosupi wa me gore ke lo tlhologeletswe lotlhe ka mautlwelo-botlhoko a ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Gone Morimo ki moshupi oa me oa tlologelelo e kholu e ki lo tlologelecoeñ lotle ka eona, ka boutluelo‐botluku yo bogolu yoa ga Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Gonne Modimo ke mosupi wa me, wa ka fa ke lo tlhologeletsweng lotlhe ka teng mo mautlwelong botlhoko a manana a ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:8
24 Iomraidhean Croise  

Le jaanong, bonang, mosupi wa me o kwa legodimong; ee, moemedi wa me o kwa godimodimo!


Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka harepa; boteng jwa me bo lelela Kirerese.


Okomela o le mo legodimong, o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, jo bo galalelang! E kae tlhoafalo ya gago le ditiro tsa thata ya gago? A maikutlo a a mo teng ga gago le mapelotlhomogi a gago a se ntlogele!


A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.


ka ntlha ya boutlwelo-botlhoko jo bo boteng jwa Modimo wa rona, jo tlhabo ya lesedi e e tswang kwa godimo e tla re lekolang ka jona,


kana Modimo o ke o direlang ka mowa wa me ka go rera Efangele ya Morwaa-ona, ke mosupi wa me wa gore ga ke khutle go lo gopola.


Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake; – segakolodi sa me le sona se ntshupela jalo ka Mowa o o Boitshepo –


Re a itumela, fa rona re le bokoa, mme lona lo le thata; mme se re se rapelelang ke gore lo nne ba botlalo.


Ga lo tlhoke manno mo go rona, mme lo tlhoka manno mo dipelong tsa lona.


Pelo ya gagwe e lo rata bogolo bogolo, ka a gakologelwa kutlo ya lona lotlhe, jaaka lo ne lwa mo tshola ka poifo le thoromo.


Mme tse ke di lo kwalelang, reetsang, ke supa fa pele ga Modimo gore ga ke ake!


gonne lotlhe lo bana ba Modimo ka go dumela mo go Keresete Jesu.


Banaka, ba ke leng mo botlhokong jwa pelego gape ka ntlha ya lona, go ya Keresete a be a bopege mo go lona,


Jaanong fa go na le kgothatso ka Keresete, fa go na le kgomotso ya lorato, fa go na le kopano ya Mowa, fa go na le lorato lwa pelo le kutlwelo-botlhoko,


Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe.


Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi.


Ke rata gore lo itse ntwa e e kanakana e ke e lwelang lona le ba kwa Laodikea le botlhe ba ba iseng ba mpone sefatlhego,


Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele;


Gonne ga re ise re ke re bue mafoko a a tlakisang jaaka lo itse, le e seng ka maano a megagaru – Modimo ke mosupi –


Re ne ra ratanngwa jalo, ra rata go lo abela le matshelo a rona, e seng Efangele ya Modimo fela; gonne lo ne lo diregile baratwi ba rona.


Ke tlhologeletswe go go bona, fa ke gopola dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tladiwe boitumelo.


Ke mmusetsa koo go wena; mo tshole ene yo e leng pelo ya me.


Ee, ngwana wa ga rra, a nke ke bone thuso ya gago mo Moreneng: Lapolosa pelo ya me mo go Keresete.


Mme le fa e le mang yo o nang le tsa botshelo jwa lefatshe, mme a fitlhela morwa-rraagwe a tlhoka, a ba a mo hutela pelo, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan