Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:7 - Setswana 1970

7 jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Yaka go siame go ’na go ikutlua ga lona lotle yalo, gone ki na le lona mo peruñ ea me, mo kholegoñ tsa me, le mo ikarabeloñ, le mo tlomamishoñ ea evangelio, ka lo le baaberoi ba tsegohaco ea me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 fela jaaka go ntshiametse, gore ke nne ke lo gopole jalo lotlhe, gonne ke na le lona mo pelong ya me, ka lotlhe lo tlhakanetse tshegofatso le nna mo dikgolegong tsa me, le mo go femeleng Mafoko a a Molemo, le mo go a tlhomamiseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:7
34 Iomraidhean Croise  

fa e se gore Mowa o o Boitshepo o ntshupetsa mo motseng mongwe le mongwe o re, dikgole le dipitlagano di nkemetse.


Foo molaodi-wa-sekete a atamela, a mo tshwara, a laola gore a golegwe ka dikeetane di le pedi; a ba a botsa gore ke mang, le gore o dirile eng.


Lo iphapaanya le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.


Mme tsotlhe tseo ke di dira ka ntlha ya Efangele gore le nna ke nne le kabelo mo go yona.


Ke lona lokwalo lwa rona lo lo kwadilweng mo dipelong tsa rona, lo lo itsiweng, lo lo buisiwang ke batho botlhe;


Ga ke bue jalo go sekisa; gonne ke setse ke boletse gore lo mo dipelong tsa rona, gore re swe mmogo, re be re phele mmogo.


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


Ke ka ntlha ya moo nna Paulo ke le mogolegwi wa ga Keresete ka ntlha ya lona baheitane ke rapelang,


Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona


le gore ke e rere ka bosena-poifo jaaka go ntshwanetse, ke le morongwi wa yona yo o golegilweng.


Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,


mo go bileng ga senoga mo bafemeding botlhe ba Kaisara le mo go ba bangwe botlhe gore ke golegilwe ka ntlha ya ga Keresete


mme bontsi jwa bakaulengwe ba tlala boikanyo mo Moreneng ka kgolego ya ka, ba be ba beta pelo bogolo go pele go bolela Lefoko la Modimo, ba sa boife sepe.


ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.


Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.


Le fa go ntse jalo lo dirile sentle, ka lo tlhakanetse tlalelo le nna.


Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.


Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo.


Tumediso ya me, ke le Paulo ke eo, ke e kwadile ka letsogo la me. Gopolang kgolego ya me. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Amen.


Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe,


Nnyaya, lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo le e seng ba lefifi.


Ka moo o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tshupo ya go supa ka ga Morena wa rona, le fa e le nna, ke le mogolegwi wa gagwe, mme o bogele Efangele mmogo le nna ka fa thateng ya Modimo


e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.


Ke ne ke rata go mo thibela gore a nne le nna, a ntirele mo boemong jwa gago, ke le mo dikgoleng ka ntlha ya Efangele.


Ka ntlha ya moo, lona ba ga etsho, ba lo itshepileng, ba lo leng baabelwi ba pitso ya legodimo, elang Jesu tlhoko, Morongwi le Moperesiti yo mogolo wa maipolelo a rona,


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,


Mme ke fitlhela e le tshwanelo go lo kurusa ka kgakololo, ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono wa mmele;


Re itse gore re dule mo losong, ra tsena mo bophelong, ka re rata badumedi-ka-rona. Yo o sa rateng modumedi-ka-ene o setse mo losong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan