Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:6 - Setswana 1970

6 Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ka go ikanya seo se, ha eo o simolotseñ tiho e e molemo mo go lona, a tla e ueletsa mo motleñ oa ga Yesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ke ntse ke ikantse mo, gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona, o tlaa e sweletsa go ya kwa motlheng wa ga Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:6
33 Iomraidhean Croise  

Morena o tla di nkgonela. Bopelontle jwa gago, Morena, ga bo na bokhutlo; se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago!


Jesu a ba araba a re: “Tiro ya Modimo ke gore lo dumele mo go ene yo o romilweng ke ona.”


Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.”


Mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Ledia, morekisi wa masela a mahibidu, wa motse wa Thiatira, yo o boifang Modimo, a reetsa; ene Morena a bula pelo ya gagwe gore a tlhokomele tse di buiwang ke Paulo.


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


Mme ke ne ke ikaeletse go tla koo go lona pele ka go ikanya jalo gore lo bone bopelotlhomogi gape,


Kana ke lo kwaletse jalo gore fa ke tla, ke se ka ka hutsafadiwa ke bone ba ke tshwanetseng go ba thabela; gonne ke lo ikanya lotlhe gore boitumelo jwa me ke jwa lona lotlhe.


Ke a itumela, ka ke ka lo ikanya mo dilong tsotlhe.


e se re gongwe fa ba Maketonia ba tla le nna, mme ba fitlhela lo ise lo ipaakanye, rona – tota nka bo ke re: Lona – ra tlhajwa ke ditlhong ntlheng ya go lo ikanya jalo.


Nna ke lo ikanya mo Moreneng gore ga lo nke lo nna le maikutlo a sele; mme motho yo o lo huduang o tla boga petso ya molato wa gagwe, le fa e ka nna mang.


gore baitshepi ba etleetsegele tiro ya go direla le kago ya go aga mmele wa ga Keresete


le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,


Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.


lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.


ka lo fitlhilwe nae ka kolobetso. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing.


Ga re khutle go gopola tiro ya lona ya tumelo fa pele ga Modimo Rraetsho le matsapa a lona a lorato le tshwarelelo ya lona ya go solofela mo go Morena wa rona Jesu Keresete,


Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata,


Mme re lo ikanya mo Moreneng gore se re se lo laelang, lo a se dira, le gona lo tla nna lo se dira.


Ke go kwaletse ka go ikanya kutlo ya gago, ke bile ke itse gore o tla dira le go fetisa se ke se buang.


Ka moo he, se latlheng boikanyo jwa lona jo bo nang le tuelo e kgolo!


re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Mme letsatsi la Morena le tla tla jaaka legodu bosigo, magodimo a tla fela ka lone ka modumo o mogolo; dilo tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di nyelela; lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla šwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan