Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:5 - Setswana 1970

5 ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ka kabalano ea lona mo evangelioñ, mo tsatsiñ ya ntla le mo nakoñ enu;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 ka ntlha ya bolekane jwa lona mo go tsamaiseng Mafoko a a Molemo, e sa le ka letsatsi la ntlha le go tla motlheng wa gompieno.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:5
23 Iomraidhean Croise  

Ba nnela ruri mo thutong ya baapostolo le mo kopanong le mo nathoganyong ya senkgwe le mo merapelong.


Jaanong fa dikala tse dingwe di kgaotswe, mme wena yo o neng o le setlhare sa olefa sa naga, wa lomelelwa mo gare ga tsona, wa tlhakanela modi le monono wa setlhare sa olefa sa legae,


Abelang baitshepi ba ba tlhokang; itlwaetseng go tshola baeng.


gonne ba Maketonia le Agaya ba bonye go le molemo go phuthela bahumanegi ba baitshepi ba ba kwa Jerusalema dikatso.


Modimo o boikanyo, o lo bileditsweng ke ona go kopanngwa le Morwaa-ona Jesu Keresete, Morena wa rona.


Ba ga etsho, re lo itsise bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo neilweng diphuthego tsa kwa Maketonia,


gore baheitane le bona ke barua-boswa nabo, ke ba mmele nabo, ke ba ba tlhakanetseng tsholofetso nabo mo go Keresete Jesu ka Efangele,


Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,


Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;


Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo,


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.


Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo.


Fa jaanong nna o nkaya molekane wa gago, mo tshole jaaka o ka tshola nna.


Gonne re diregile ba ba nang le seabe mo go Keresete, fa re tshegeditse boikanyo jwa ntlha ka tlhomamo go ya bokhutlong.


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Se re se bonyeng, ra se utlwa, le lona re a se lo rerela gore le lona lo nne le kopano le rona; mme kana kabelano ya rona ke ya go kopana le Rara le Jesu Keresete Morwawe.


Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan