Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:30 - Setswana 1970

30 ka lo le mo go yona tlhabano e lo e bonyeng mo go nna, e le jaanong lo e utlwang ka ga me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Ka lo na le khanelo e, lo e bonyeñ mo go ’na, e yana lo e utluañ mo go ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 ka lo le mo go yone ntwa e lo mponyeng ke le mo go yone, e gompieno lo bileng lo utlwa fa ke le mo go yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:30
21 Iomraidhean Croise  

Dilo tse ke di buile le lona gore lo nne le kagiso mo go nna. Lo tla nna le pitlagano mo lefatsheng, mme namatshegang, ke fentse lefatshe.”


mo go bileng ga senoga mo bafemeding botlhe ba Kaisara le mo go ba bangwe botlhe gore ke golegilwe ka ntlha ya ga Keresete


Ke sona se ke se itapisetsang, ke se lwela ka fa thateng ya gagwe e e dirang mo go nna ka nonofo.


Ke rata gore lo itse ntwa e e kanakana e ke e lwelang lona le ba kwa Laodikea le botlhe ba ba iseng ba mpone sefatlhego,


Mme le fa re ne ra bogisiwa, ra direlwa tse di botlhoko pele kwa Filipi, jaaka lo itse, re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona go bua Efangele ya Modimo mo go lona re le mo kganetsanyong e kgolo.


Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, phamola bophelo jo bo sa khutleng jo o bo bileditsweng, wa ba wa ipolela boipolelo jo bo molemo fa pele ga basupi ba le bantsi.


Ke tlhabanye tlhabano e e molemo, ke weditse tshiano, ke bolokile tumelo.


Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo,


Gonne ga lo ise lo emelane le boleo gore go be go tshologe madi mo tlhabanong ya lona.


Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka lefoko la tshupo ya bone, ba se ka ba rekegela maphelo a bone go ya losong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan