Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:29 - Setswana 1970

29 Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

29 Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

29 Gone lo necoe tsegohaco ka ntla ea ga Keresete, esiñ go rumela mo go ena gosi, mi le gona go mogiserioa;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

29 Gonne lona lo neilwe ka ga Keresete, e seng go dumela mo go ene go le gosi, mme le gone go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:29
14 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong.


Mongwe le mongwe yo o dumelang o siamisiwa ke ene mo dilong tsotlhe tse lo ne lo sa ka ke lwa di itshwarelwa ka molao wa ga Moše.


Ba tiisa dipelo tsa barutwa, ba ba kgothatsa gore ba nnele ruri mo tumelong. Le gona ba re: “Re tshwanetse go tsena mo pusong ya Modimo ka ditlalelo di le dintsi.”


E rile ba sena go fitlha teng le go kgobokanya phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bone, le ka fa o buletseng baheitane mojako wa tumelo ka teng.


Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe.


Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko,


gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.


ka lo fitlhilwe nae ka kolobetso. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing.


Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan