Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:21 - Setswana 1970

21 Gonne mo go nna go phela ke Keresete, go swa ke letlotlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Gonne mo go nna, go tshela go raya dipako tsa ga Keresete, mme go swa, go siame bogolo!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Gone kaga me, go tsela ki Keresete, le go shua ki phenyo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Gonne mo go nna, go tshela ke Keresete, mme go swa ke poelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:21
16 Iomraidhean Croise  

Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo,


le fa e le Paulo gongwe Apolo gongwe Kefa gongwe lefatshe gongwe bophelo gongwe loso gongwe tsa kajeno gongwe tse di tlang, tsotlhe ke tsa lona;


Gonne re itse gore fa ntlo ya rona ya lefatshe ya motlaagana e thujwa, re na le kago e e tswang mo Modimong, e bong ntlo e e sa khutleng kwa magodimong e e sa dirwang ka diatla.


Ka moo re na le bopelokgale ka metlha yotlhe, re itse gore fa re sa ntse re agile mo mmeleng, re kgakala le legae Moreneng;


Mme re pelokgale, re bile re eletsa bogolo go huduga mo mmeleng le go goroga go nna le Morena.


Ke a tshela, mme ga e tlhole e le nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna, mme se ke se tshelang jaanong mo nameng ke se tshela ka go dumela mo go Morwa Modimo yo o nthatileng, a ba a ineela losong ka ntlha ya me.


Mme a go nne kgakala le nna go ipoka, fa e se fela ka sefapaano sa Morena wa rona Jesu Keresete, se lefatshe le mpapoletsweng ka sona, le nna ke bapoletswe lefatshe ka sona.


ka fa tebelelong e e bogale ya me ke a solofela gore, ga ke ne ke tlhajwa ke ditlhong, mme le jaanong Keresete o tla godisiwa ka mmele wa me jaaka ka gale, ke le pelo e e phuthologileng, le fa e ka nna ka botshelo gongwe ka loso.


Mme e re ka go phela mo nameng e le sona se se ungwisang tiro ya me, ruri ga ke itse se nka se itlhophelang.


Ke akabadiwa ke dilo tse pedi tse: Ke na le keletso ya go huduga le go nna le Keresete; kana moo go gaisa tsotlhe;


ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.


E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.


Ke fa ke utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kwala o re: Go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng go tloga jaanong.” Mowa o a re: “Ee, ba tla bona boikhutso morago ga matsapa a bone; ka gonne ditiro tsa bone di ba setse morago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan