Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:19 - Setswana 1970

19 gonne ke itse gore tseo di tla mphetogela pholoso ka thapelo ya lona le ka thuso ya Mowa wa ga Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Gone kia itse, ha tse li tla na puluko ea me ka ntla ea thapelo ea lona, le kokeleco ea Moea oa ga Yesu Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Gonne ke a itse fa golo mo go tlaa tswa polokego ya me, ka ntlha ya merapelo ya lona le neo ya Mowa wa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:19
11 Iomraidhean Croise  

E rile ba fitlha go lebagana le Misia, ba leka go ya kwa Bithinia; mme Mowa wa ga Jesu wa se ka wa ba letlelela.


Mme re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo.


Mme lona ga lo mo nameng; lo mo moweng, fa tota Mowa wa Modimo o agile mo go lona; fa motho a sa tshola Mowa wa ga Keresete, yoo ga se wa gagwe.


Ke gona ka moo ke lo rometseng Timotheo yo e leng morwaake yo o rategang, yo o ikanyegang mo Moreneng. Ke ene yo o tla lo gopotsang ditsela tsa me mo go Keresete, jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo diphuthegong tsotlhe.


ka le lona lo ntse lo thusa ka go re rapelela, gore neo ya bopelotlhomogi e re e bonyeng e lebogelwe ke batho ba bantsi ka malebogo a mantsi ka ntlha ya rona.


Jaanong ona o o lo abelang Mowa o dirisa dithata mo go lona, a ke ka ditiro tsa molao, kampo ka thero ya tumelo?


Mme e re ka lo le bana, Modimo o rometse Mowa wa Morwaa-ona mo dipelong tsa rona o o bitsang o re: “Abba, Rara!”


Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela;


ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan