Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:17 - Setswana 1970

17 mme bale bone ba rera Keresete ka go tsosa kgang, e seng ka bopeloephepa, ka ba ikaeletse go okeletsa kgolego ya me tlhokofatso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Mi ba bañue ka lorato, ka ba itse ha ki emisericoe ikarabelo ea evangelio.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 ba bangwe ba rera Keresete ka mokgwa wa go itira lekoko, e seng ka peloephepa, ba gopotse go ntsosetsa pitlagano mo dikgolegong tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:17
16 Iomraidhean Croise  

Ka moo, elang tlhoko gore lo se ka lwa akanyetsa kwa pele ka fa lo tla ikarabelang ka teng;


“Ba ga etsho le borra, utlwang boikarabelo jwa me mo go lona.”


Jaanong Ageripa a raya Paulo a re: “O letleletswe go ipuelela.” Paulo a tsholetsa letsogo, a ikarabela a re:


Ya re a ntse a ikarabela jalo, Feseto a bua ka lentswe le legolo a re: “Paulo, o a tsenwa! Thutego e kgolo e go dira setsenwa.”


mme ba ba ratang kgang, ba gana go utlwa boammaaruri, mme ba utlwa tshiamololo, bone o ba duele ka bogale le kgakalo.


Mme tseo di ka dirang? Kana Keresete o rerwa ka mokgwa mongwe le mongwe, le fa e le ka boitimokanyo gongwe ka boammaaruri, mme ke sona se ke se itumelelang, e bile ke tla nna ke itumela;


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.


e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake.


e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.


Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan