Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:16 - Setswana 1970

16 Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16-17 ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Bañue ba rera Keresete ka khañ, esiñ ka bosapekoa, ba itloma ba okeletsa kholego tsa me ka lipogisho;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 ba bangwe ba go dira ka lorato, ka ba itse fa ke beilwe go femela Mafoko a a Molemo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:16
13 Iomraidhean Croise  

Le nna nka bo ke itse go bua jaaka lona, fa lona lo ka bo lo le mo boemong jwa me; ke ne ke tla lo rulaganyetsa mafoko sentle le go lo thukhuthela tlhogo.


Moitlhobogi o tshwanetswe ke lorato lwa mongwe-ka-ene, le fa a latlha go boifa Mong-wa-thata-yotlhe.


A boago jwa bona bo nne letlotla; a go se age ope mo ditenteng tsa bona.


Kana fa ke dira jalo ka boitumelo, ke tla bona tuelo; mme fa e ka nna ka pateletso, kana tiro ya go rera Efangele ke e neetswe.


Gonne ga re etse ba bantsi ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, mme re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete ka bopelophepa, jaaka go tswa mo Modimong.


le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,


Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,


ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.


Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.


Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan