Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:15 - Setswana 1970

15 Le gale, bangwe ba rera Keresete ka lefufa le kgang, ba bangwe bona ka pelo e ntle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Rure bañue ba rera Keresete ka bopelutsetla le khañ; mi bañue le bona ka go rata ga molemo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le gale bangwe boo ba rera Keresete ka bopelotshetlha le kgang; mme bangwe le bone ka pelo e ntle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:15
22 Iomraidhean Croise  

Mme ditiro tsotlhe tsa bone ba di dira gore ba bonwe ke batho; gonne ba katolosa meitlamo ya bone ya thapelo; ba leelefatsa dikola tsa dikobo tsa bone.


O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.


Mme bangwe ba bone e ne e le banna ba Kipero le ba Kirene, ba e rileng ba fitlha kwa Antiogia, ba bua le Bagerika le bone, ba rera Efangele ya Morena Jesu.


Mme ba se ka ba khutla, ba ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng le mo matlong, ba rera Efangele ya ga Jesu, fa e le ene Keresete.


Ke fa Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo loo, a mo rerela Efangele ya ga Jesu.


Filipo a ya kwa motseng mongwe wa Samaria, a ba rerela Keresete.


A akofa a simolola go rera mo disenagogeng gore Jesu ke ene Morwa Modimo.


mme ba ba ratang kgang, ba gana go utlwa boammaaruri, mme ba utlwa tshiamololo, bone o ba duele ka bogale le kgakalo.


mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, yo e leng sekgopi mo Bajuteng le bosilo mo Bagerikeng;


Le fa nka bo ke abela bahumanegi di-tsa-me tsotlhe, kampo ke neela mmele wa me gore ke fisiwe, mme ke se na lorato, go ka bo go sa nthuse sepe.


gonne Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo re mo rerileng mo go lona, e bong nna le Silefano le Timotheo, ga a ka a nna Ee le Nnyaya, mme mo go ene go ntse go le Ee;


Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete.


Gonne ke boifa gore e ka re fa ke tsile, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka ke eletsa, le lona lwa mphitlhela ke ntse jaaka lo sa eletse; ka fitlhela go le kgang le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le ditshenyomaina le ditshebo le maikgodiso le ditlhakatlhakanyo mo go lona;


Gonne ga re rere ka ga rona, re rera Keresete Jesu gore ke ene Morena, le gore rona re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu;


e le ka go ganetsa bakaulengwe ba tsietso ba ba tsentsweng ka bolotsana ba itshukunyetsa, ba tla go tlhola kgololesego ya rona e re nang nayo mo go Keresete Jesu, gore ba tle ba re patikelele mo botlhankeng;


Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.


Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan