Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:14 - Setswana 1970

14 mme bontsi jwa bakaulengwe ba tlala boikanyo mo Moreneng ka kgolego ya ka, ba be ba beta pelo bogolo go pele go bolela Lefoko la Modimo, ba sa boife sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi bogolu yoa bakauleñue ba ba mo Moreneñ ba ikantse bogolu ka kholego tsa me, ba na bonatla bogolu go bua lehuku esiñ ka poiho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 bontsi jwa bakaulengwe ba ba mo Moreneng, ka ba ikantse dikgolego tsa me, ba nna tshosologo bogolo go bua lefoko la Modimo ba se na poifo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:14
16 Iomraidhean Croise  

Jesu a raya motho yo o nang le letsogo le le omeletseng a re: “Emela fa gare.”


go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo,


E re ka jaanong re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re dirisa bopelokgale jo bogolo,


Ke lo phuthologetse pelo thata, ke na le tlotlego e kgolo ka ntlha ya lona, ke tletse kgomotso, ke na le letlotlo la boitumelo mo tlalelong yotlhe ya rona;


Ke ka moo ke rapelang gore lo se ka lwa kgobega marapo ka ditlalelo tse ke leng mo go tsona ka ntlha ya lona, tse e leng tlotlo ya lona.


ka fa tebelelong e e bogale ya me ke a solofela gore, ga ke ne ke tlhajwa ke ditlhong, mme le jaanong Keresete o tla godisiwa ka mmele wa me jaaka ka gale, ke le pelo e e phuthologileng, le fa e ka nna ka botshelo gongwe ka loso.


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Ka moo he, emang jalo mo Moreneng ka tlhomamo, lona bakaulengwe ba ka ba ba rategang, ba ke lo tlhologeletsweng, ba lo leng boitumelo jwa ka le serwalo sa ka, lona baratwi.


gore ke tle ke bo senole, jaaka go ntshwanetse go bua.


Tsotlhe tsa botshelo jwa me lo tla di itsisiwe ke Tigiko, mokaulengwe yo o rategang, modiredi yo o boikanyo, motlhanka-ka-nna mo Moreneng,


Mme le fa re ne ra bogisiwa, ra direlwa tse di botlhoko pele kwa Filipi, jaaka lo itse, re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona go bua Efangele ya Modimo mo go lona re le mo kganetsanyong e kgolo.


e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan