Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:11 - Setswana 1970

11 lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Lo tlarioa ka mauñuo a tsiamo, a a leñ khalalelo le pako go Morimo, ka Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 ka go tladiwa maungo a tshiamo, a a leng kgalaletso le pako ya Modimo ka Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:11
34 Iomraidhean Croise  

O tshwana le setlhare se se tlhomilweng fa dinokaneng tsa metsi, se se ungwang leungo la sona mo motlheng wa sona, se matlhare a sona a sa swabeng, mme tsotlhe tse o di dirang o di swetsa ka lesego.


A e lema, a olola matlapa, a tlhoma dithupana tsa moweine tse di tlhaotsweng mo go yona; a ba a aga serala mo gare ga yona, le gona a gaba segatelo mo go yona, a nna a lebelela a re: E tla ungwa maungo a a monate; mme ya ungwa masitlha a a botlha fela.


Morafe wa gago e tla nna basiami botlhe fela; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, e le matlhogela a ke a tlhomileng, e le tiro ya diatla tsa me gore ke ikgalaletse ka yona.


Gonne lefatshe le godisa tse di melang mo go lone, tshimo e tlhogisa tse di jwetsweng mo go yona: Morena Modimo o tla tlhogisa tshiamo le tumiso jalo fa pele ga ditšhaba tsotlhe.


le go naya ba ba hutsafetseng ba Sione mokgabo wa tlhogo boemong jwa molora le lookwane lwa boitumelo boemong jwa diaparo tsa khutsafalo le kopelo ya pako boemong jwa mowa o o kgobegileng marapo. Mme ba tla bidiwa ditlhare tsa metherebinthe tsa pholoso le ditlhomiwa tsa Morena gore a ikgalaletse ka tsona.


A lesedi la lona le bonegele batho jalo gore ba bone ditiro tsa lona tse di siameng, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong.


Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng.


Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo.


Se Rre a ka galalediwang ka sona ke fa lo ungwa maungo a mantsi, lo nna barutwa ba me.


E tla re fa ke sena go swetsa jalo le go tsenya maungo a dikabelo mo diatleng tsa bone, ke fete ka lona, fa ke ya kwa Sepania.


Mme jaanong ka lo golotswe mo boleong, e bile lo diregile batlhanka ba Modimo, lo na le leungo la lona le le isang boitshepisong, mme bokhutlo ke bophelo jo bo sa khutleng;


Jaanong le fa lo ja gongwe lo nwa kampo lo dira se sele, dirang tsotlhe go tlotla Modimo ka tsona!


Mme yo o nayang mojwadi peo le senkgwe sa go jewa, le lona o tla lo naya peo ya lona, a e atisa, a ba a godisa maungo a tshiamo ya lona,


gore re nne pako ya kgalalelo ya ona, rona ba re sa leng re solofela Keresete pele.


o e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, gore go gololwe ba e leng ba ona go boka kgalalelo ya ona.


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


gonne leungo la lesedi ke molemo otlhe le tshiamo le boammaaruri –


Ga se go re ke batla neo, mme ke batla leungo le le tla lo atelang mo lenaneong la lona.


gore lo tshele ka fa go tshwanetseng Morena ka teng go mo kgatlha gotlhe, lo ungwe tiro nngwe le nngwe e e molemo, lo gole mo kitsong ya Modimo,


le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete,


gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete.


A ba ga rona le bone ba ithute go nna tlhaga mo ditirong tse di molemo go thusa ka tse di batlegang gore ba se nne ba ba sa ungweng sepe.


Le gale kwatlhao nngwe le nngwe, fa e dirafala, e a ne e kete ga e na boitumediso, mme ke tlhokofatso; mme morago gona e ungwele ba ba lailweng ka yona leungo le le agisang la tshiamo.


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan