Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:10 - Setswana 1970

10 le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore lo leke lilo tse ri sa cuaneñ; gore lo ne lo sa pekoa, le go bisa go khopisa, go ea motleñ oa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo, gore lo ke lo nne peloephepa le botlhoka sekgopi, go ya go fitlha mo motlheng wa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:10
43 Iomraidhean Croise  

A ga ke re, Aborahame o ntheile a re: ‘Ke kgaitsadie.’ Le Sara a re: ‘Aborahame ke kgaitsadie.’ Ke dirile jalo ka pelo e e se nang molato le ka diatla tse di phepa.”


A ga se tshwanelo ya tsebe go tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?


Gonne tsebe e tlhatlhoba mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo.


Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong;


Mme Jesu a retologa, a raya Petoro a re: “Ntlogele ò mpote morago, Satane! O sekgopi mo go nna; gonne ga ò gopole tsa Modimo, ò gopola tsa batho.”


Petoro a mo fetola a re: “Le fa botlhe ba ka kgopisega ka ga gago, nna ga nkitla ke kgopiwa ka gope.”


Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!”


Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa.


Ke bile ke ntse ke itlwaetsa go nna le segakolodi se se se nang molato ka gale mo Modimong le mo bathong.


Lo se ka lwa tshwana le lefatshe leno, mme fetogang ka go ntšhwafadiwa maikutlo, gore lo tlhotlhomise se e leng thato ya Modimo e e molemo, e e kgatlhang, e e botlalo.


A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo.


Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo rapela gore lo ele bone tlhoko ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng mo go rona, lo ba efoge.


o itse go rata ga ona, o tlhotlhomisa tse di tshwanetseng, ka o ntse o rutwa molao,


Mme fa ke dira se ke sa se rateng, ke dumelana le molao gore o molemo.


Gonne ka fa mothong yo o ka mo teng ke itumelela molao wa Modimo.


Gonne go batla ga nama ke go tlhoa Modimo, ka e sa ikokobeletse molao wa Modimo, e bile e a palelwa.


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


Se kgopiseng Bajuta gongwe Bagerika le e seng phuthego ya Modimo,


Ka moo he, fa dijo di ka kgopisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke ja nama ka bosakhutleng gore ke se kgopise mokaulengwe wa me.


Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo;


Gonne ga re etse ba bantsi ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, mme re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete ka bopelophepa, jaaka go tswa mo Modimong.


Ga re kgopise ope mo go sepe, gore tirelo ya rona e se ka ya kgalwa,


Ga ke bue jalo go laola, mme e le go leka nnete ya lorato jwa lona ka botlhaga jwa ba bangwe;


Mme nna, bakaulengwe, fa ba re, ke sa ntse ke rera thupiso, ke sa ntse ke bogisediwang? Kana kgopiso ya sefapaano e tla bo e tlositswe.


mme e re ka go nna boammaaruri mo loratong re golele mo go ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete,


lo tlhotlhomise se se kgatlhang Morena.


gore a itlhomele phuthego e e tlotlegang e e se nang sebala, le fa e le matsutsuba, gongwe se sengwe se se ntseng jalo, mme e nne e e boitshepo, e e sa nyatsegeng.


A bopelotlhomogi bo nne le bone botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete mo go sa fetogeng! Amen.


Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;


Ke ikanya gore yo o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tla e tsweletsa go ya a e fetsa ka letsatsi la ga Keresete Jesu,


lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.


gore dipelo tsa lona di tiisiwe, di se nne molato, di nne mo boitshepong fa pele ga Modimo Rraarona, mogang Jesu, Morena wa rona, a tlang gape le baitshepi botlhe ba gagwe.


Tlhotlhomisang tsotlhe, lo boloke tse di siameng.


Mme a Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe; a mewa ya lona le maphelo a lona le mebele ya lona di bolokwe, e nne tse di itekanetseng, di se na molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.


“Jaanong he, boifang Morena, lo mo direle ka nnete le ka boikanyego! Tlosang medimo e borraeno ba neng ba e direla kwa moseja ga noka ya Ferathe le kwa Egepeto, lo direle Morena.


Baratwi, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe, mme lo leke mewa gore a e tswa mo Modimong; gonne baporofeti ba bantsi ba maaka ba bololetse mo lefatsheng.


“ ‘Ke itse ditiro tsa gago le matsapa a gago le tlhomamo ya gago, le ka fa o sa ka keng wa itshokela batho ba ba bosula ka teng; o lekile ba ba ipitsang baapostolo, etswe e se bone, wa ba fitlhela e le baaki;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan