Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 5:3 - Setswana 1970

3 Boaka le maswe otlhe le fa e le bogagaru di se ka tsa dirwa, le e seng go umakwa mo go lona, gonne ga go a tshwanela baitshepi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 A go se nne sebe sa boaka, boitshekologo kgotsa bohula mo go lona. A go se nne le ope yo o umakang dilo tse mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi khokahalo, le limpe cotle, khotsa timano, a li si birioe mo go lona, yaka go cuanela baitsephi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mme boaka, le maswe otlhe, le fa e le boiphetlho, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 5:3
58 Iomraidhean Croise  

Gonne moikepi o ikgantsha ka keletso ya gagwe; mmapadi wa tsietso o tshegofatsa ke go re o kgala Morena.


Sekegela pelo ya me kwa ditshupong tsa gago, mme e seng kwa boikhumisong.


Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome


“O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena, le e seng motlhanka wa gagwe, le e seng lelata la gagwe, le e seng kgomo ya gagwe, le e seng esele ya gagwe, le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.”


“Itiseng mo go tsotlhe tse ke di lo boleletseng. Lo se ka lwa boka maina a medimo e sele. A a se ka a umakiwa ke melomo ya lona.


Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele.


“Mme matlho a gago le pelo ya gago di batla kgwebo ya gago ya tshiamololo fela, le go tsholola madi a a se nang molato, le go gatelela le go patika.”


“Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti.


Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe.


Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.


E re fa monna a robala le mosadi a tshologa peo, a ba tlhape, ba nne ba itshekologile go ya maitsiboeng.


Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe.


E rile Baiseraele ba ntse ba le kwa Sitime, batho ba simolola go dira boaka le bomorwadia Moabe;


gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dipolao le tsa boikanyologo jwa banyalani le tsa boaka le tsa bogodu le ditshupo tsa maaka le dikgalo.


A boa a ba raya a re: “Elang tlhoko, lo itise mo megagarung yotlhe; gonne le fa mongwe a na le letlotlo, ga a bone bophelo ka tse a nang natso.”


Jaanong le Bafarisai, ba ba neng ba rata madi, ba utlwa tsotlhe tse, ba be ba mo sonya.


mme re ba kwalele gore ba ikilele mo go tse di itshekologileng tsa medimo ya diseto le mo boakeng le mo go se se betilweng le mo mading.


Ga ke a ka ka eletsa selefera le fa e le gouta le fa e le diaparo tsa ga ope.


ba tletse tshiamololo yotlhe le boaka le bosula le bopelotshetlha le bokgopo; ba tletse lefufa le polao le ntwa le boferefere le bolotsana;


gore lo mo tshole mo Moreneng jaaka go tshwanetse baitshepi, le go mo thusa ka fa a batlang thuso ya lona ka teng; gonne le ene e ne e le mothusi wa ba bantsi le wa me ka nosi.


Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo;


Gape, a re se akafaleng jaaka bangwe ba bone ba ne ba akafala, ga ba ga swa ba le 23 000 ka letsatsi le le lengwe.


Go utlwetse tota gore mo go lona go na le boaka, mme e le boaka jwa mokgwa o le mo baheitaneng o seng teng, wa gore mongwe o na le mosadi wa ga rraagwe.


Dijo ke tsa mpa, mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa ka bobedi jwa tsona. Mmele ona ga se wa boaka, mme ke wa Morena, mme Morena ke wa mmele.


Tshabang boaka! Maleo otlhe a motho o a dirang a kwa ntle ga mmele; mme yo o akafalang o leofela mmele wa gagwe.


e se re gongwe fa ke sena go tla gape, Modimo wa me wa nkokobetsa mo go lona, mme ka hutsafalela ba le bantsi ba bone ba ba kileng ba leofa, mme ba se ka ba sokologa mo boitshekologong le boakeng le bopepeng, tse ba di dirileng.


gonne tse di dirwang ke bone mo sephiring, tota le go di bolela go tlhabisa ditlhong.


Gonne moo lo go itse sentle gore ga go ope yo e leng seaka gongwe yo o maswe gongwe yo o megagaru yo o ka nnang le boswa mo pusong ya ga Keresete le Modimo, ka e le modiredi wa medimo e sele.


Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo,


Jaanong he bolayang ditokololo tsa lona tsa lefatshe, e bong boaka le maswe le go fisiwa ke keletso le kgatlhego e e bosula le megagaru e e leng go direla medimo e sele,


gonne se Modimo o se batlang ke boitshepiso jwa lona gore lo tile boaka,


Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong.


mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo.


e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;


Gonne bopelotshetlha ke modi wa masula otlhe; e rile batho bangwe ba ineela mo go jona, ba fapoga tumelo, ba itirela matlhoko a mantsi.


gonne batho e tla nna baithati, baratamadi, baipoki, baikgantshi, bakgadi, ba ba sa utlweng bagolo, ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang,


ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe.


gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,


Basadi-bagolo le bone a ba nne jaaka go tshwanetse baitshepi, e se nne balatofatsi, ba se laolwe ke majalwa, e nne ba ba rutang tse di molemo,


A go se nne ope yo e leng seaka kampo yo o sa itshekang jaaka Esau yo o bapaditseng botsalwapele jwa gagwe ka sejo se le sengwe fela.


Mo thopong ka bona kobo e ntle e le nngwe ya kwa Sineare le dišekele di le 200 tsa selefera le lekwete la gouta; bokete jwa lone e le dišekele di le 50; ka di eletsa, ka di tsaya. Bona, di epetswe fa fatshe mo gare ga tente ya me. Selefera e ka fa tlase.”


ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;


bogolo bone ba ba latelang nama ka dikeletso tse di maswe, ba nyatsa borena; ba matepe, ba a ikgantsha, ga ba boife go kgala bagalaledi,


Ba na le matlho a a tletseng go eletsa seaka, a a sa bakeleng boleo; ba oka mewa e e sa tiang, ba na le dipelo tse di tlwaetseng megagaru, ke bana ba ba hutsegileng.


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Mme go na le dilo di se kae tse ke go nyatsang ka ntlha ya tsona, ka o na le bangwe koo ba ba dumelanang le thuto ya ga Bileame yo o rutileng Balake go beela Baiseraele sekgopi gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto le go dira boaka.


Ke mo neile sebaka gore a fetoge pelo, mme ga a rate go bakela boaka jwa gagwe.


Mme fa e le ba ba boi le ba ba sa dumeleng le ba ba maswe le babolai le diaka le baloi le ba ba direlang medimo e sele le baaki botlhe, bone kabelo ya bone e mo letsheng le le tukang molelo le sebabole; gona moo ke loso lwa bobedi.”


Ba ba tla salang kwa ntle ke dintšwa le baloi le diaka le babolai le badiredi ba medimo e sele le mongwe le mongwe yo o ratang maaka, a a dirisa.


le gona ba se ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone le e seng boloi le e seng boaka le e seng bogodu jwa bone.


Fela bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe. Ba bapala ka bopelotshetlha, ba amogela dithelesetso, ba sokamisa tshiamo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan