Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 4:5 - Setswana 1970

5 ke Morena a le mongwe fela le tumelo e le nngwe fela le kolobetso e le nngwe fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Go Morena a le moñue hela, tumelo ñue hela, papetisho ñue hela,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 go Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 4:5
28 Iomraidhean Croise  

Mme Morena o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe; ka letsatsi leo Morena o tla nna a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela.


Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo,


O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.


“Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.”


ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo.


A Keresete o kgaogantswe naa? A Paulo o lo bapoletswe? Gongwe a lo kolobeditswe ka leina la ga Paulo?


Re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe, e bong ba ba itshepisitsweng mo go Keresete Jesu, baitshepi ba ba biditsweng, le bone botlhe ba ba bitsang leina la Morena wa rona Jesu Keresete mo mafelong otlhe a bone le a rona:


Gonne le rona rotlhe re kolobeleditswe go nna mmele o le mongwe fela ka Mowa o le mongwe fela, le fa re le Bajuta gongwe Bagerika, le fa re le batlhanka gongwe bagololesegi, rotlhe re nositswe Mowa o le mongwe fela.


go na le ditirelo tse di farologanyeng, mme Morena o mongwe fela;


le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.


Gonne e a re fa mongwe a tla, a rera Jesu o sele, yo rona re sa mo rerang, gongwe fa lona lo ka tshola mowa o sele o lo neng lo sa o tshola, gongwe Efangele e sele e lo neng lo sa e amogela, lo mo amogele fela.


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


go fitlhelela re be re fitlhe rotlhe mo bongwengfela jwa tumelo le jwa go itse Morwa Modimo le go nna monna yo o tletseng go fitlha selekanyong sa bogolo jo bo tletseng jwa ga Keresete


le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara.


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Nna Paulo, motlhanka wa Modimo le moapostolo wa ga Jesu Keresete ka ntlha ya tumelo ya batlhaolwi ba Modimo le ka ntlha ya kitso ya boammaaruri jo bo isang mo poifong-Modimo


ke kwalela Tito ngwanake tota ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Moregolodi, a di nne le wena!


Gopolang baruti ba lona ba ba lo boleletseng Lefoko la Modimo, elang bokhutlo jwa tsamao ya bone tlhoko, lo etse tumelo ya bone.


mme ba tloga ba tenega, go a pala go ba ntšhwafatsa gore ba tlhabologe gape, ka ba bapola Morwa Modimo gape ka bobone, ba mo dira nyatsego mo ponatshegong.


Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me.


Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong, e le setshwantsho sa yona, e se go tlosa leswe la mmele, mme e le go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong ka tsogo ya ga Jesu Keresete


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Mme lona, baratwi, ikageng mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, lo rapele ka Mowa o o Boitshepo,


Baratwi, e rile ke ikaeletse ka tlhoafalo yotlhe go lo kwalela ka ga pholoso e re e tlhakanetseng, ka patelesega go lo kwalela go lo kgothatsa gore lo tlhabanele tumelo e e kileng ya neelwa baitshepi gangwe fela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan