Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 4:4 - Setswana 1970

4 Ke mmele o le mongwe fela le Mowa o le mongwe fela, jaaka lo bileditswe mo tsholofelong e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Go mele o moñue hela, le Moea o moñue hela, yaka lo bilericoe culuheloñ e ñue hela ea pico ea lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Go mmele o le mongwe fela, le Mowa o le mongwe fela, fela jaaka le lona lo bileditswe tsholofelo, e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 4:4
28 Iomraidhean Croise  

Ke tla bua ka ntlha ya bana ba ga rre le dilekane tsa me ke re: “A kagiso e nne mo go wena!”


Wena tsholofelo ya Iseraele, wena mothusi wa gagwe mo sebakeng sa tlalelo, ke ka ntlha ya eng, fa o tshwana le moeng fela mo lefatsheng, le moeti yo o lalang fela, a ba a feta?


“Go tshegofaditswe monna yo o ikanyang Morena, yo o ikaegang ka Morena fela!


Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo,


Mme re dumela gore re pholosiwa ka bopelotlhomogi jwa Morena Jesu fela jaaka bone.”


Gonne dineo tsa bopelotlhomogi le pitso ya Modimo ga di dirololwe.


E re ka e le senkgwe se le sengwe fela, rona ba re leng bantsi re mmele o le mongwe fela; ka gonne rotlhe re tlhakanela senkgwe se le sengwe fela.


Mme jaanong ditokololo di dintsi, mme mmele ona o mongwe fela.


Gonne e a re fa mongwe a tla, a rera Jesu o sele, yo rona re sa mo rerang, gongwe fa lona lo ka tshola mowa o sele o lo neng lo sa o tshola, gongwe Efangele e sele e lo neng lo sa e amogela, lo mo amogele fela.


o be o lo nee matlho a a sedimogetsweng a dipelo tsa lona, lo tle lo itse gore tsholofelo ya pitso ya ona ke efe, le gore khumo ya kgalalelo ya boswa jwa ona mo baitsheping ke e e ntseng jang,


le gore a ruanye boo babedi le Modimo mo mmeleng o le mongwe fela ka sefapaano ka go bolaya letlhoo ka sona.


gonne rona ka bobedi jwa rona re na le tsela ya go fitlha ka ena kwa go Rraetsho ka Mowa o le mongwe fela.


yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng.


Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona


gonne re ditokololo tsa mmele wa gagwe, re ba nama ya gagwe, ba marapo a gagwe.


ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele


A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona e lo e bileditsweng mo mmeleng o le mongwe fela, mme lo nne ba ba lebogang.


Mme Morena wa rona Jesu Keresete ka esi le Modimo Rraetsho yo o re ratileng, a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelotlhomogi,


Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka fa taolong ya Modimo Moregolodi le ya ga Keresete Jesu yo e leng tsholofelo ya rona,


ka tsholofelo ya bophelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o o sa ka keng wa aka o sa leng o bo solofetsa pele mo metlheng e e se nang tshimologo,


re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi


gore e tle e re fa re sena go siamisiwa ka bopelotlhomogi jwa ona, re nne barua-boswa ba botshelo jo bo sa khutleng jo re bo solofelang.


ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong.


Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo mo go ene o a iitshekisa jaaka ene a itshekile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan