Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 3:5 - Setswana 1970

5 jo bo se kang jwa itsisiwe batho mo metlheng ya pele, jaaka jaanong bo senoletswe baapostolo ba ba boitshepo ba gagwe le baporofeti ka Mowa

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Yo bo sa itsisioeñ baneñ ba bathu mo metleñ ea ntla, yaka bo bonatsicoe yana baapostoloiñ ba boitsepho le baperofeti, ka Moea;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 E rile mo metlheng e e fetileng, bo ne bo se ka jwa itsisiwe ke bana ba batho, jaaka gompieno bo senoletswe baaposetole ba gagwe ba ba boitshepo le baperofeti, ka Mowa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 3:5
24 Iomraidhean Croise  

O tla gakgamatsa ditšhaba tse dintsi jalo. Dikgosi di tla mo momela melomo. Gonne tse ba sa di bolelelwang ba a di bona; le tse ba iseng ba di utlwe ba a di tlhaloganya.”


Gonne ka nnete ke lo raya ke re: Baporofeti le basiami ba le bantsi ba ne ba eletsa go bona tse lo di bonang, mme ba se ka ba di bona, le go utlwa tse lo di utlwang, mme ba se ka ba di utlwa.


Ba mo fetola ba re: ‘Ke ka gonne ga go na ope yo o re thapileng.’ A ba raya a re: ‘Le lona yaang kwa tshimong ya moweine; mme se se tshwanetseng lo tla se bona.’


Ke ka ntlha ya moo ke romang baporofeti le batlhalefi le Baitsedikwalo go lona; bangwe ba bone lo tla ba bolaya, lo ba bapolela sefapaanong; ba bangwe ba bone lo tla ba seola mo disenagogeng tsa lona, lo ba bogisa go tswa motseng mongwe go ya go o mongwe,


gonne ke lo raya ke re: Baporofeti ba le bantsi, le dikgosi, ba batlile go bona tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona, le go utlwa tse lo di utlwang, mme ga ba a ka ba di utlwa.”


Ke ka moo le jona Botlhale jwa Modimo bo buileng jwa re: ‘Ke tla roma baporofeti le baapostolo kwa go bone; mme bangwe ba bone ba tla ba bolaya, ba ba bogisa.’


Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, o Rara o tla o romelang mo leineng la me, o tla lo ruta dilo tsotlhe, o bo o lo gakolola tsotlhe tse ke di lo boleletseng.


Fela e tla re Mowa wa boammaaruri o sena go tla, o lo gogele mo boammaaruring jotlhe; gonne ga o nke o bua ka bogaona, mme o tla bua tsotlhe tse o di utlwang; o bile o tla lo itsise dilo tse di tlang.


A ba raya a re: “Lo itse ka losi gore monna wa Mojuta ga a a letlelelwa go ikopanya le mongwe wa morafe o sele, le fa e le go tsena go ene; mme nna Modimo o ntshupeditse gore ke se ka ka kaya motho ope gore o a ilega gongwe o itshekologile.


Ona o o nonofileng go ka lo tiisa ka fa Efangeleng ya me, le ka fa therong ka ga Jesu Keresete, ka fa ponatshegong ya bosaitsiweng jo bo neng bo subilwe go tswa bosasimologeng,


Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo.


ka lo agilwe mo motheong wa baapostolo le baporofeti o Keresete Jesu ka esi e leng lentswe la sekhutlo la ona,


le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete,


gore lo gakologelwe mafoko a a sa leng a buiwa pele ke baporofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mopholosi, e lo e neetsweng ke baapostolo ba lona.


Mme lona, baratwi, gakologelwang mafoko a a sa leng a buiwa ke baapostolo ba Morena wa rona Jesu Keresete,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan