Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 3:3 - Setswana 1970

3 gonne ke itsisitswe bosaitsiweng ka ponatshego jaaka ke setse ke kwadile ka mafoko a makhutshwane,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Kaha o ’nkitsisitseñ bosaitsioeñ ka ponatsego; yaka ki kuarile pele ka mahuku a mabotlana;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ka fa ke itsisitsweng bosaitsiweng ka tshenolo ka teng, jaaka ke kwadile gale ka mafoko a le makhutshwane,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 3:3
23 Iomraidhean Croise  

“E rile ke boetse kwano Jerusalema, ke rapela mo Tempeleng, ka wela mo tshiramong ya pelo,


Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ”


Ga ba ga tsoga modumo o mogolo; mme bangwe ba Baitsedikwalo ba lesomo la Bafarisai ba nanoga, ba mo emela ba re: “Ga re bone bosula bope mo mothong yo; mme fa mowa gongwe moengele a buile nae, re ka palelwa ke go lwantsha Modimo!”


Ba ga etsho, ga ke rate go lo lobela bosaitsiweng jo, gore lo se itlhome lo le botlhale, e bong bosaitsiweng jwa go re: Boithatafatso bo tsile mo Baiseraeleng ka ntlha nngwe go ya baheitane ba tsene pele ka palo e e tletseng.


Ona o o nonofileng go ka lo tiisa ka fa Efangeleng ya me, le ka fa therong ka ga Jesu Keresete, ka fa ponatshegong ya bosaitsiweng jo bo neng bo subilwe go tswa bosasimologeng,


Boipoko bo tshwanetse, le fa bo sa thuse sepe. Ke ka moo ke tla fetelang kwa diponong tsa me le kwa maipontshong a Morena.


E bile ga ke a e amogela mo mothong, le e seng go e rutwa ke ope, mme ke ka go e senolelwa ke Jesu Keresete.


gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse;


a e ka reng fa lo a buisa, lo a lemoga ka ona tlhaloganyo ya me ntlheng ya bosaitsiweng jwa ga Keresete,


gore baheitane le bona ke barua-boswa nabo, ke ba mmele nabo, ke ba ba tlhakanetseng tsholofetso nabo mo go Keresete Jesu ka Efangele,


le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete,


le nna lo nthapeleleng gore e ne e re fa ke tswa molomo, ke newa lefoko la go itsise bosaitsiweng jwa Efangele ka bopelokgale,


gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete


Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe,


Gape ke a lo rapela, ba ga etsho, ka re: A lo ke lo amogele lefoko leo la kgothatso; gonne ke lo kwaletse ka bokhutshwane.


Ke lo kwaletse ka bokhutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o ikanyegang, ka fa ke mo lebileng ka teng, ke lo kgothatsa, ke supa gore ke jona bopelotlhomogi jwa nnete jwa Modimo jo lo emeng mo go jona.


Mme bopelotelele jwa Morena lo bo kaye e le pholoso, jaaka le ene Paulo, mokaulengwe yo o rategang wa rona a lo kwaletse ka fa botlhaleng jo a bo neilweng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan