Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 3:2 - Setswana 1970

2 fa e le gore lo utlwile ka ga tirelo ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka ntlha ya lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2-3 Ga go belaesege lo setse lo itse gore Modimo o nneetse tiro e e faphegileng e ya go supa kutlwelo botlhoko mo go lona Badichaba, jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ka lo utluile ga tlamelelo ea tsegohaco ea Morimo, e ki e lo nelecoeñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 ke raya fa lo utlwile ka ga tebalebo ya tshegofatso eo ya Modimo, e ke e neilweng ka ga lona:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 3:2
27 Iomraidhean Croise  

Ya re ba ntse ba direla Morena, mme ba itima dijo, Mowa o o Boitshepo wa re: “Nntshetsang Baranaba le Saule gore ba ye tirong e ke ba bileditseng yona.”


Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng.


Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ”


Morena a mo raya a re: “Yaa teng; gonne ene yoo ke sediri sa me se se tlhaotsweng go rwalela leina la me fa pele ga baheitane le dikgosi le Baiseraele.


yo re amogetseng bopelotlhomogi le boapostolo ka ene gore go nne kutlo ya tumelo mo merafeng yotlhe ka ntlha ya leina la gagwe,


Kana ke bua le lona baheitane ka re: E re ka ke le moapostolo wa baheitane, ke tlotla tiro ya me,


Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe.


A motho mongwe le mongwe a re kaye jaaka re le batlhanka ba ga Keresete le balebeledi ba masaitsiweng a Modimo.


Kana lo utlwile ka ga tsamao ya me ya pele mo thutong ya Bajuta gore ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo gagolo thata thata, ke e senya;


gore o e dirafatse, fa dipaka di sena go tlala, e bong go kopanya tsotlhe tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng mo go Keresete yo e leng tlhogo.


e ke duleng modiredi wa yona ka fa neong ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka fa tirong ya thata ya ona.


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete,


fa ruri lo mo utlwile, mme lo rutegile ka ene, jaaka boammaaruri bo le mo go Jesu,


Mme mongwe le mongwe wa rona o neilwe neo ya bopelotlhomogi ka fa selekanyong se Keresete o nayang ka sona.


ka re utlwile ka ga tumelo ya lona ya go dumela mo go Keresete Jesu, le ka ga lorato lo lo ratang baitshepi botlhe ka lone,


le le tsileng go lona, fela jaaka le tsile mo lefatsheng lotlhe, le ungwa le gola jaaka le dirile le mo go lona go tloga ka letsatsi le lo utlwileng ka lone, lwa lemoga bopelotlhomogi jwa Modimo ka nnete,


ka fa Efangeleng e ke e neetsweng ya kgalalelo ya Modimo o o sego ka boona.


le e seng go tlhokomela dinaane le dithulaganyo tse di sa feleng tsa maina a ditshika, tse di tsosang dikgang, bogolo go go tlhokomela thulaganyo ya pholoso ya Modimo e e dirafalang ka tumelo.


e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake.


e ke e beetsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo le moruti wa baheitane.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan