Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 3:1 - Setswana 1970

1 Ke ka ntlha ya moo nna Paulo ke le mogolegwi wa ga Keresete ka ntlha ya lona baheitane ke rapelang,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 KA mouo, ’na Paulo, mogolegoi oa ga Keresete Yesu, ka ntla ea lona, bahaitene,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke gone ka moo, nna Paulo, mogolegwa wa ga Keresete Jesu ka ntlha ya lona Baditšhaba,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 3:1
30 Iomraidhean Croise  

Fela, pele ga dilo tsotlhe tseo ba tla lo tshwara, ba lo bogisa, ba lo neela mo disenagogeng le mo matlong a kgolegelo, ba lo gogela fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me.


Foo molaodi-wa-sekete a atamela, a mo tshwara, a laola gore a golegwe ka dikeetane di le pedi; a ba a botsa gore ke mang, le gore o dirile eng.


Ke fa a le tsaya, a le isa kwa molaoding-wa-sekete, a mo raya a re: “Paulo wa mogolegwi o mpiditse, a nkopa gore ke tsise lekau le kwano go wena; le na le sengwe go se go bolelela.”


Paulo a mo fetola a re: “Le fa go le gaufi gongwe kgakala, ke rapela Modimo gore e se nne wena fela, mme le botlhe ba ba nkutlwang gompieno ba tshwane le nna, ke sa ree dikgole tse.”


Morena a mo raya a re: “Yaa teng; gonne ene yoo ke sediri sa me se se tlhaotsweng go rwalela leina la me fa pele ga baheitane le dikgosi le Baiseraele.


Mme fa re pitlaganngwa, e a be e le gore lo bone kgomotso le pholoso; gongwe fa re gomodiwa, e a be e le ka ntlha ya kgomotsego ya lona e e itshupang ka go itshokela tsona dipogo tse le rona re di bogang.


Mme nna Paulo ka nosi ke lo rapela ka bopelonolo le bopelonomi jwa ga Keresete, yo e a reng fa ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso, mme fa ke se yo, ke be ke le pelokgale mo go lona.


Ba re: Re badiredi ba ga Keresete – ke bua jaaka lesilo – nna ke a ba gaisa; ke ba gaisa ka matsapa le ka dikgolego le ka go boga dipetso mo go fetisang le ka dikotsi tsa loso gantsintsi.


Mme nna, bakaulengwe, fa ba re, ke sa ntse ke rera thupiso, ke sa ntse ke bogisediwang? Kana kgopiso ya sefapaano e tla bo e tlositswe.


Reetsang, nna Paulo ke lo raya ke re: Fa lo ka rupa, Keresete o tla bo a sa lo thuse sepe.


Kana ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama le dikgotelo le dikeletso.


ka fa boikaelelong jo bo se nang tshimologo, jo o bo dirafaditseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona


Ke ka moo ke rapelang gore lo se ka lwa kgobega marapo ka ditlalelo tse ke leng mo go tsona ka ntlha ya lona, tse e leng tlotlo ya lona.


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona


le gore ke e rere ka bosena-poifo jaaka go ntshwanetse, ke le morongwi wa yona yo o golegilweng.


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego


Tumediso ya me, ke le Paulo ke eo, ke e kwadile ka letsogo la me. Gopolang kgolego ya me. A bopelotlhomogi bo nne le lona! Amen.


Le rona lo nne lo re rapelele gore Modimo o re bulele lobati lwa Lefoko gore re bolele bosaitsiweng jwa ga Keresete, jo e bileng ke bo golegetswe,


A Morena a utlwele ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko; gonne o ntsitsibositse gantsi, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya keetane e e mpofileng.


Ka moo o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tshupo ya go supa ka ga Morena wa rona, le fa e le nna, ke le mogolegwi wa gagwe, mme o bogele Efangele mmogo le nna ka fa thateng ya Modimo


Nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, le Timotheo morwa-rre, re kwalela Filemone, moratiwa wa rona, modiri-ka-rona,


Epafera mogolegwi-ka-nna mo go Keresete Jesu o a go dumedisa,


bogolo ke go rapela ka ntlha ya lorato, ke le Paulo, monnamogolo, yo kajeno e bileng ke le mogolegwi wa ga Keresete Jesu;


O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan