Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 2:8 - Setswana 1970

8 gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Gone lo bulukiloe ka tsegohaco; ka ntla ea tumelo, mi ga e coe go lona; e le neo ea Morimo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 2:8
40 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong.


Ya re go tla ba nako e e ka nnang ya botlhano, mongwe le mongwe a amogela ranta e le nngwe.


Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa.


Jesu a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go pholositse; tsamaya ka kagiso!”


Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.”


Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.”


“Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o utlwang lefoko la me, a dumela ene yo o nthomileng, o na le bophelo jo bo sa khutleng, mme ga a tsene mo katlholong; o dule mo losong, a tshelela botshelong.


Jesu a ba raya a re: “Ke nna senkgwe sa bophelo; yo o tlang go nna ga a ka ke a tlhola a utlwa tlala. Yo o dumelang mo go nna ga a ka ke a tlhola a nyorwa.


Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle.


Gonne thato ya ga Rre ke go re, mongwe le mongwe yo o lebang Morwa, a ba a dumela mo go ene, a nne le bophelo jo bo sa khutleng, mme nna ke tle ke mo tsose ka letsatsi la bofelo.”


Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna fa e se yo o gogwang ke Rara yo o nthomileng; mme nna ke tla mo tsosa ka letsatsi la bofelo.


A boa a re: “Ke gona ka moo ke lo reileng ka re: Ga go ope yo o ka kgonang go tla go nna, fa e se yo o go newang ke Rara.”


Mongwe le mongwe yo o dumelang o siamisiwa ke ene mo dilong tsotlhe tse lo ne lo sa ka ke lwa di itshwarelwa ka molao wa ga Moše.


E rile ba sena go fitlha teng le go kgobokanya phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bone, le ka fa o buletseng baheitane mojako wa tumelo ka teng.


Mme re dumela gore re pholosiwa ka bopelotlhomogi jwa Morena Jesu fela jaaka bone.”


Mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Ledia, morekisi wa masela a mahibidu, wa motse wa Thiatira, yo o boifang Modimo, a reetsa; ene Morena a bula pelo ya gagwe gore a tlhokomele tse di buiwang ke Paulo.


Ba araba ba re: “Dumela mo go Morena Jesu, mme o tla pholosiwa, wena le ba ntlo ya gago.”


Jaanong ba ka bitsa jang yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang ba ise ba utlwe ka ga gagwe? Ba ka utlwa jang go se na moreri?


Jaanong he, tumelo e tla ka thero, thero yona e tla ka taelo ya ga Keresete.


Ka moo boswa bo tla ka tumelo gore e nne ka fa bopelotlhomoging, e le gore tsholofetso e tlhomamele bana botlhe, e seng fela ba e leng ba molao, mme le bone ba tumelo ya ga Aborahame yo e leng rraarona rotlhe,


Mme ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moikepi, ene tumelo ya gagwe e tla kaiwa tshiamo,


Jaanong he, ga se ga yo o ratang, gongwe ga yo o tabogang, mme ke ga Modimo fela o o utlwelang botlhoko;


go dirafetse jalo gore tshegofatso ya ga Aborahame e fitlhe mo baheitaneng ka Jesu Keresete, le gore rona re amogele Mowa o o solofeditsweng ka tumelo.


Mme Lokwalo lo golegeletse botlhe mo boleong gore ba ba dumelang ba newe tse ba di solofeditsweng ka go dumela mo go Jesu Keresete.


le gore bogolo jo bogolo jwa thata ya ona ke e e ntseng jang ntlheng ya rona ba re dumelang ka fa tirong ya bonatla jwa nonofo ya ona


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


le fa re ne re sule ka ditlolo, o ne wa re phedisa le Keresete – kana lo pholositswe ka boitshwarelo! –


Gonne lona lo abetswe go bogisiwa ka ntlha ya ga Keresete, e seng go dumela fela mo go ene,


ka lo fitlhilwe nae ka kolobetso. Lo bile lo tsositswe nae ka go dumela mo thateng ya Modimo o o mo tsositseng mo baswing.


Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe,


Gonne go pala mo go ba ba kileng ba sedimosediwa, ba utlwa monate wa neo ya legodimo, ba abelwa Mowa o o Boitshepo,


lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan