Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 2:5 - Setswana 1970

5 le fa re ne re sule ka ditlolo, o ne wa re phedisa le Keresete – kana lo pholositswe ka boitshwarelo! –

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Le gona erile re shuetse mo litloloñ, o re rurisitse le Keresete (lo bulukiloe ka tsegohaco),

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso –

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 2:5
20 Iomraidhean Croise  

ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela.


Gonne Morwa o phedisa ba o ratang go ba phedisa, jaaka Rara a tsosa baswi, a ba phedisa.


Mowa ke ona o o phedisang; nama ga e na thuso epe. Mafoko a nna ke a buileng le lona ke mowa, e bile ke bophelo.


Mme re dumela gore re pholosiwa ka bopelotlhomogi jwa Morena Jesu fela jaaka bone.”


Modimo wa kagiso o tla gatelela Satane ka bonako fa tlase ga dinao tsa lona. A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu bo nne le lona!


mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu,


Ka moo boswa bo tla ka tumelo gore e nne ka fa bopelotlhomoging, e le gore tsholofetso e tlhomamele bana botlhe, e seng fela ba e leng ba molao, mme le bone ba tumelo ya ga Aborahame yo e leng rraarona rotlhe,


Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng!


Gonne e rile re le bokoa, Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng.


Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi.


Gonne molao wa mowa wa go phela ka Keresete Jesu o nkgolotse mo molaong wa boleo, wa loso.


Le lona o lo tshedisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo


gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.


Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.”


Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe,


Gonne bopelotlhomogi jwa Modimo bo bonetse jo bo tsisetsang batho botlhe pholoso;


wa re pholosa, e seng ka ntlha ya ditiro tsa tshiamo tse rona re di dirileng, mme e le ka fa boutlwelong-botlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntšhwafatso ya Mowa o o Boitshepo


Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete a bo nne le lona lotlhe! Amen.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan