Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 2:4 - Setswana 1970

4 Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Morimo o o humileñ mo boicuareloñ, ka ntla ea lorato lo logolu loa ora, lo o loa re rata ka lona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 2:4
34 Iomraidhean Croise  

ba gana go utlwa, ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o di ba diretseng, mme ba gagamatsa dithamo, ba ipatlela moeteledipele go boela kwa Egepeto kwa botlhankeng jwa bone ka borukhutlhi jwa bone, mme wena o Modimo wa maitshwarelo, o bopelotlhomogi o boutlwelo-botlhoko, o pelotelele, o mogolo loratong, wa se ka wa ba tlogela,


Morena o boitshwarelo le boutlwelo-botlhoko; ga a fele pelo, o mogolo ka bopelotlhomogi.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi,


Mme wena Morena, o Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; ga o fele pelo, o tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.


Mme Morena a re: “Ke tla fetisa bontle jotlhe jwa me fa pele ga gago, ke kua leina la Morena fa pele ga gago. Ke tla tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo; ke utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko.”


Ke tla baka mapelotlhomogi a Morena le ditiro tse di tumileng tsa Morena jaaka go tshwanetse tsotlhe tse Morena a di re diretseng, le molemo o mogolo o o diretseng Baiseraele ka ona go lekana le mautlwelo-botlhoko a gagwe le mapelotlhomogi a magolo a gagwe.


Morena o iponaditse mo go nna go tswa kgakala, a nthaya a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke ka moo ke go gogetseng kwa go nna ka bopelotlhomogi.


Mme go na le bopelotlhomogi le boitshwarelo mo Moreneng, Modimo wa rona; le fa re mo tsogetse


a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.


ka ntlha ya boutlwelo-botlhoko jo bo boteng jwa Modimo wa rona, jo tlhabo ya lesedi e e tswang kwa godimo e tla re lekolang ka jona,


Kana ga go na pharologanyo mo Mojuteng le Mogerika; gonne ene ke Morena wa botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang;


A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?


Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi.


gore o tle o supe lehumo la kgalalelo ya ona ka dilwana tsa bopelotlhomogi tse o di baakanyeditseng kgalalelo e sa le gale?


Re na le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo ka fa khumong ya bopelotlhomogi jwa ona,


gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.


Mme bopelotlhomogi jwa Morena wa rona bo ne jwa nna bogolo mo go fetang mmogo le tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan