Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 2:1 - Setswana 1970

1 Le lona o lo tshedisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleo

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Lo kile lwa bo lo hutsitswe ke Modimo, lo atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI lona o lo rurisitse ba lo lo shule mo litloloñ le libe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 2:1
21 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a dupa monko o o monate, mme Morena a bua mo pelong ya gagwe a re: “Ga nkitla ke tlhola ke hutsa lefatshe gape ka ntlha ya motho; gonne dikakanyo tsa pelo ya motho di bosula go tswa bonyaneng jwa gagwe. Ga nkitla ke tlhola ke bolaya tsotlhe tse di phelang gape jaaka ke dirile.


Jesu a mo fetola a re: “Ntshale morago; a baswi ba fitlhe baswi ba bone!”


ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela.


Mme e ne e le tshwanelo go ipela le go itumela; ka gonne monnao yo o ne a sule, mme o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”


Legodu le tla fela go utswa le go bolaya le go senya. Nna ke tsile gore di baane le bophelo, di be di nne le letlotlo.


Jesu a mo araba a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna.


Gonne Morwa o phedisa ba o ratang go ba phedisa, jaaka Rara a tsosa baswi, a ba phedisa.


Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo ka yona, mme ba ba le utlwang ba tla phela.


Gonne molao wa mowa wa go phela ka Keresete Jesu o nkgolotse mo molaong wa boleo, wa loso.


Go kwadilwe jalo ga twe: “Motho wa ntlha, e bong Atame, o ne a nna motshedi”; Atame wa bofelo ene o ne a nna mowa o o tshedisang.


Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re tlhotlheletsa, ka re kaya gore fa mongwe a swetse botlhe, ba a bo ba sule botlhe.


ba ba fifaditsweng tlhaloganyo, ba le kgakala le botshelo jo bo tswang Modimong ka ntlha ya go sa itseng a bone, ka ntlha ya logwadi lwa dipelo tsa bone,


Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.”


Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe,


mme yo o phelelang dikgatlhego tsa gagwe ene o sule, le fa a ntse a phela.


Re itse gore re dule mo losong, ra tsena mo bophelong, ka re rata badumedi-ka-rona. Yo o sa rateng modumedi-ka-ene o setse mo losong.


“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Saredise o re: ‘Yo o nang le Mewa e supa ya Modimo le dinaledi tse di supang o bua jaana a re: “ ‘Ke itse ditiro tsa gago gore o na le leina la gore o a phela, mme tota o sule.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan