Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 1:7 - Setswana 1970

7 Re na le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo ka fa khumong ya bopelotlhomogi jwa ona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Eo re nañ le thekololo ka mari a gague, eboñ boicuarelo yoa libe, kaha lohumoñ loa tsegohaco ea ona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 1:7
67 Iomraidhean Croise  

foo o tla mo tlhomogela pelo a re: ‘Mo golole a se ka a tsena mo lebitleng! Ke bonye serekololo sa bophelo jwa gagwe.’


Mme boitshwarelo bo fa go wena gore o tle o boifiwe.


Iseraele, o lebelele Morena; gonne bopelotlhomogi bo mo Moreneng; o na le kgololo e kgolo.


Gonne wena, Morena, o molemo le boitshwarelo; o bopelonomi jo bogolo mo go botlhe ba ba goelang kwa go wena.


o o bolokelang ba le dikete bopelotlhomogi; o o itshwarelang molato le tlolo le boleo, mme o sa lese ope fela o sa mmetse, mme o beletsa bana le bana ba bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone.”


Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago.


“Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”


Ao, Morena, utlwa! Morena, itshwarele! Morena, ela tlhoko, o dire jalo; se diege ka ntlha ya gago, Modimo wa me. Gonne motse wa gago le morafe wa gago di bidiwa ka leina la gago.”


Mme go na le bopelotlhomogi le boitshwarelo mo Moreneng, Modimo wa rona; le fa re mo tsogetse


a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.


Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi.


“Ka letsatsi leo motswedi o tla tswelela ba ntlo ya Dafita le baagi ba Jerusalema, o tlosa boleo le maswe.”


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


“Le gona fa e le wena Sione, ke tla ntsha bagolegwi ba gago mo mosimeng o o se nang metsi ka ntlha ya madi a kgolagano ya gago.


fela jaaka Morwa-Motho a sa tla go direlwa, mme e le go direla le go neela botshelo jwa gagwe losong go nna kgololo ya ba bantsi.”


Gonne ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi gore ba itshwarelwe dibe.


O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona.


A ba raya a re: “Se ke madi a me a kgolagano e ntšhwa a a tshololwang ka ntlha ya ba bantsi.


go naya morafe wa gagwe kitso ya pholoso ka go itshwarelwa dibe tsa ona,


le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.


Ba lo ba itshwarelang dibe tsa bone ba di itshwaretswe; mme ba lo ba balelang dibe tsa bone ba di baletswe.”


Ke ene yo baporofeti botlhe ba supang ka ga gagwe gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tla bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”


Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo;


Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona.


Jaanong he, fetogang pelo lo sokologe gore dibe tsa lona di phimolwe,


A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?


mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu,


yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse


gore o tle o supe lehumo la kgalalelo ya ona ka dilwana tsa bopelotlhomogi tse o di baakanyeditseng kgalalelo e sa le gale?


Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo,


gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe.


o e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, gore go gololwe ba e leng ba ona go boka kgalalelo ya ona.


o be o lo nee matlho a a sedimogetsweng a dipelo tsa lona, lo tle lo itse gore tsholofelo ya pitso ya ona ke efe, le gore khumo ya kgalalelo ya boswa jwa ona mo baitsheping ke e e ntseng jang,


gore go bokwe kgalalelo ya bopelotlhomogi jwa ona jo o re tlhomogetseng pelo ka jona ka Morwaa-ona yo o ratwang.


jo o bo re totiseditseng ka botlhale jotlhe le temogo,


Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone,


gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;


ke rapela gore a lo nee nonofo ya go tia mo mothong yo o kwa teng ka Mowa wa gagwe ka fa khumong ya kgalalelo ya gagwe,


Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete,


Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu.


yo re nang le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa dibe.


ba Modimo o ratileng go ba itsise se e leng lohumo lwa kgalalelo ya bosaitsiweng joo mo baheitaneng, lo e leng Keresete mo go lona, yo e leng tsholofelo ya kgalalelo.


Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe,


gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete


yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona,


yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.


o o o goromeditseng mo go rona ka Jesu Keresete, Morepholosi,


Dilo tse di phepafadiwang ka madi ka fa molaong e batlile go nna tsotlhe, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo bope.


O ne a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona re nne ba ba suleng ntlheng ya boleo, mme re tshelele tshiamo; lo fodisitswe ka dintho tsa gagwe.


Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong; a bolawa ka fa nameng, mme a tshedisiwa ka fa moweng,


Banaka, ke a lo kwalela; gonne lo itshwaretswe maleo ka ntlha ya leina la gagwe.


Ene yoo ke thuanyo ya maleo a rona, mme e seng ya maleo a rona fela, mme e bile ke ya maleo a lefatshe lotlhe.


Lorato lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona.


Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.


Ba opela sefela se sešwa ba re: “Go go tshwanetse go tsaya lokwalo le go kanolola dikano tsa lone, ka o tlhabilwe; mme batho ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe le ba ditšhaba tsotlhe le ba merafe yotlhe wa ba rekololela Modimo ka madi a gago,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan