Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 1:4 - Setswana 1970

4 jaaka o sa le o re itlhophela ka ene pele, lefatshe le ise le tlholwe, gore re nne boitshepo, re se nyatsege fa pele ga ona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Yaka o re itseñketse mo go ena pele ga motheo oa lehatse, gore re ne boitsepho, le go sina molatu mo loratoñ ha pele ga ona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 1:4
55 Iomraidhean Croise  

Ka bo ke siame fa pele ga ona, ka itisa gore ke se nne molato.


Gonne Morena o itlhophetse Jakobe, e bong Iseraele go nna wa gagwe.


“Bonang, motlhanka wa me ke yoo, yo ke mo tshegetsang; le moitlhaolelwa wa me yo o natefelang pelo ya me. Ke mo neile Mowa wa me. O tla ntshetsa tshiamo kwa merafeng.


“Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, o ba ree o re: ‘Nnang boitshepo, gonne nna Morena Modimo wa lona ke boitshepo.


Iitshepiseng, lo nne boitshepo; gonne ke nna Morena Modimo wa lona.


Mme fa malatsi ao a ka bo a sa khutshwafadiwa, go ka bo go sa pholosiwe motho ope; mme malatsi ao a tla khutshwafadiwa ka ntlha ya batlhaolwi.


gonne go tla tsoga bokeresete ba kako le baporofeti ba kako; ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go ka kgonega ba timetse le batlhaolwi.


O tla roma baengele ba gagwe ka tumo e kgolo ya diphala, ba tla phutha batlhaolwi ba gagwe kwa ntlheng tse nne, go tswa sekhutlong sengwe sa magodimo go ya kwa go se sengwe.


Jaanong kgosi e tla raya ba ba ka fa letsogong le le jang la yona e re: ‘Tlaang lona, batshegofadiwa ba ga Rre, lo rue boswa jwa puso e lo e baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe!


Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela.


Ga se lona lo intlhaoletseng, ke nna ke itlhaoletseng lona, ke bile ke lo beile gore lo ye lo ungwe leungo, mme leungo la lona le nnele ruri, gore se lo ka se kopang Rara mo leineng la me, a se lo nee, le fa e ka nna eng.


“Rara, ke rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng, gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise le thaiwe.


Ya re baheitane ba utlwa, ba itumela, ba galaletsa Lefoko la Morena. Botlhe ba ba tlhaoletsweng botshelo jo bo sa khutleng ba dumela.


tse di sa leng di itsege go tloga metlheng ya bogologolo.’


Gonne nna ke na nao, mme ga go ope yo o tla go tlhaselang go go direla bosula; gonne ke na le batho ba bantsi mo motseng o.”


Ke mang yo o ka bayang batlhaolwi ba Modimo molato? Modimo ke ona o o siamisang.


yo e bileng a tla lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo nne ba ba se nang molato ka letsatsi la Morena wa rona Jesu Keresete.


Lona, bakaulengwe, lo bileditswe kgololesegong; fela a e se nne kgololesego ya nama e e nayang boleo taolo, mme lo direlane ka lorato.


Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone,


ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong;


lo tsamae mo loratong jaaka Keresete le ene a lo ratile, a ineela ka ntlha ya rona go dirwa tshupelo le setlhabelo go nna monko o o monate mo Modimong.


gore a itlhomele phuthego e e tlotlegang e e se nang sebala, le fa e le matsutsuba, gongwe se sengwe se se ntseng jalo, mme e nne e e boitshepo, e e sa nyatsegeng.


gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;


jaanong Jesu o lo ruantse ka loso a le mo mmeleng wa gagwe wa nama gore a lo emise fa pele ga ona, lo le boitshepo, lo se na molato, lo sa nyatsege;


gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete


Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele;


A Morena a lo godise, a ba a lo totise loratong lwa go ratana le lwa go rata botlhe jaaka le rona re lo rata,


Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng.


Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.”


Reetsang, ba ga etsho ba ba rategang: A Modimo ga o a itlhophela ba e leng bahumanegi mo lefatsheng go nna bahumi mo tumelong le barua-boswa ba puso e o e solofeditseng ba ba o ratang?


ka fa maikaelelong-pele a Modimo Rara ka boitshepiso jwa Mowa, gore ba utlwe Jesu Keresete, ba kgatshiwe ka madi a gagwe: A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele!


yo o sa leng a itsiwe pele, lefatshe le ise le tlholwe, mme a bonadiwa mo metlheng ya bofelo ka ntlha ya lona


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.


Mme re itsile, ra ba ra dumela lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Modimo ke lorato, mme yo o nnang mo loratong o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ene.


Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe.


Sebata se o se bonyeng, se ne se le teng, mme jaanong ga se tlhole se le teng; mme se tla tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo, se ya kwa tatlhegong. Foo ba ba agileng mo lefatsheng, ba maina a bone a sa kwalwang mo lokwalong lwa bophelo go tswa tlholegong ya lefatshe, ba tla gakgamala, fa ba bona sebata gore se ne se le teng, mme ga se tlhole se le teng, mme se tla nna teng gape.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan