Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 1:3 - Setswana 1970

3 A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tshegofaditseng ka masego otlhe a mowa mo legodimong ka Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Go tsegohala Morimo le Rra Yesu Keresete Morena oa rona, o o re tsegoharitseñ ka matsego aotle a moea mo legorimoñ mo go Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 1:3
39 Iomraidhean Croise  

A go bakwe Modimo o o godimodimo o o neetseng baba ba gago mo diatleng tsa gago!” Aborame a mo ntshetsa karolo ya lesome ya tsotlhe.


Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.”


Morago ga moo Dafita a raya phuthego yotlhe a re: “A ko lo bake Morena, Modimo wa lona!” Phuthego yotlhe ya baka Morena, Modimo wa borraabo; ba be ba inama, ba ikobela fatshe fa pele ga Morena le kgosi.


Jabese o ne a rapela Modimo wa Iseraele a re: “E kete o ka bo o ntshegofatsa thata wa atlhamolosa naga ya me, mme seatla sa gago sa nna le nna, wa thibela bosula gore bo se ka jwa ntlhokofatsa!” Mme Modimo wa mo direla jaaka a kopile.


Ya re Hesekia le dikgosana ba tla, ba bona mekoa eo, ba baka Morena le morafe wa gagwe wa Iseraele.


Balefi Jesua le Katemiele le Bani le Hasabenya le Serebja le Hodiya le Sebanya le Phethaya ba be ba re: “Nanogang lo bake Morena, Modimo wa lona, o o se nang tshimologo, o o sa khutleng! A ba bake leina le le galalelang la gago le le tlotlometseng godimo ga pako yotlhe le tumiso yotlhe.”


A Morena a go tshegofatse, a le mo Sione, ena yo o dirileng legodimo le lefatshe!


A leina la yona le nnele ruri. A leina la yona le tlhoge letsatsi le ntse le le teng; a ditšhaba tsotlhe di tshegofadiwe ka yona, a di e boke di re: Kgosi e tlhogonolo.


Mme a leina la ona le le galalelang le bakwe ka bosakhutleng; a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya ona, Amen, ee, a go nne jalo!


Losika lwa bone lo tla itsiwe mo ditšhabeng, le bana ba bone mo gare ga merafe. Botlhe ba ba ba bonang, ba tla lemoga gore bone ke losika lo Morena o lo tshegofaditseng.”


“E rile malatsi ao a sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho kwa legodimong, ka boelwa ke tlhaloganyo ya me, ka baka Mogodimodimo, ka tumisa yo o phelang ka bosakhutleng, ka mo tlotla. “Thata ya gagwe ke thata e e sa khutleng; bogosi jwa gagwe ke jwa ditshika tsotlhe.


a mo tshola ka mabogo, a boka Modimo a re:


Tsatsing leo lo tla lemoga gore ke mo go Rre, le lona lo mo go nna, le nna ke mo go lona.


gore ba nne bongwefela botlhe jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna ke le mo go wena; a le bone ba nne bongwefela mo go rona, mo lefatshe le ka dumelang, fa o nthomile.


Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre; tsamaya, o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba ree o re: ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre yo e leng le Rraeno, kwa Modimong wa me o e leng le Modimo wa lona.’ ”


rona re mmele o le mongwe jalo mo go Keresete, le fa re le bantsi, mme rotlhe re direlana re le ditokololo.


gore lo galaletse Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwefela jwa pelo ka molomo o le mongwe fela.


Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo,


Gonne go ntse jaaka go le mmele o le mongwe o o nang le ditokololo tse dintsi, mme ditokololo tsotlhe tsa mmele, le fa di le dintsi, e le mmele o le mongwe fela: Keresete le ene o ntse jalo.


A go bakwe Modimo, e bong Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, Rara yo o mautlwelo-botlhoko, Modimo wa kgomotso yotlhe,


Modimo, Rra Morena Jesu, o o bokwang ka bosakhutleng, o itse gore ga ke ake.


Ka moo he, fa motho a le mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se sešwa; dilo tsa bogologolo di fetile, bonang, di ntšhwafetse tsotlhe!


Gonne Keresete yo o neng a sa itse boleo, Modimo o mo dirile boleo ka ntlha ya rona gore re nne basiami fa pele ga ona ka ene.


Ka moo ba e leng ba tumelo ba tshegofadiwa mmogo le Aborahame wa modumedi;


gore o e dirafatse, fa dipaka di sena go tlala, e bong go kopanya tsotlhe tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng mo go Keresete yo e leng tlhogo.


gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse;


e o dirileng ka yona mo go Keresete ka go mo tsosa mo baswing le ka go mo nnisa fa letsogong le le jang la ona mo legodimong,


wa re tsosa nae, wa re nnisa nae mo legodimong go nna mo go ene Keresete Jesu,


gore botlhale jwa Modimo jwa mefutafuta jaanong bo itsisiwe balaodi le bathata mo legodimong ka phuthego


gonne ga re lwantshe madi le nama, mme re lwa le mebuso le bathata le barena ba lefifi la lefatshe leno le mewa e e bosula e e mo mafelong a a kwa godimo.


le loleme longwe le longwe lo ipolele gore Morena ke Jesu Keresete, e le go galaletsa Modimo Rara.


ke ba ba direlang setshwantsho, e bong moriti wa tse di kwa legodimong, jaaka Moše a laetswe ke Modimo, fa a tla aga Taberenakele. Gonne o rile: “Ela tlhoko gore o dire dilo tsotlhe ka fa setshwantshong se o se bontshitsweng mo thabeng.”


Jaanong go ne go batlega gore ditshwantsho tsa dilo tse di kwa legodimong di phepafadiwe ka ditlhabelo tseo, mme dilo tsa legodimo ka tsosi tsone ka ditlhabelo tse di phalang tsele.


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan