Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 1:12 - Setswana 1970

12 gore re nne pako ya kgalalelo ya ona, rona ba re sa leng re solofela Keresete pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Gore re ne pako ea khalalelo ea ona, ba re shuluhetseñ pele mo go Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 1:12
21 Iomraidhean Croise  

Atlang Morwa gore a se ka a gakala, mme lwa latlhega mo tseleng. Gonne bogale jwa gagwe bo ka akofa jwa tuka. Go sego bona botlhe ba ba mo ikanyang.


Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela.


Bonang, Modimo ke pholoso ya me. Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe. Gonne Modimo Morena ke thata ya me le sefela sa me, o bile o diregile pholoso ya me.”


Ke ikanne ka nna; boammaaruri bo dule mo molomong wa me, e leng lefoko le le sa dirololweng le le reng: ‘Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ineela mo go nna ka maikano.’


Losika lotlhe lwa Iseraele lo tla siamisiwa mo Moreneng, lo ipoka ka ene.


Mo malatsing a yona Juta o tla pholosiwa, Iseraele o tla nna mo tshireletsong. ‘Morena ke tshiamo ya rona’, ke lone leina la gagwe le ba tla mmitsang ka lone.


“A dipelo tsa lona di se huduege; dumelang mo Modimong, le nna, dumelang mo go nna!


gore go bokwe kgalalelo ya bopelotlhomogi jwa ona jo o re tlhomogetseng pelo ka jona ka Morwaa-ona yo o ratwang.


gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;


a kgalalelo e nne ya ona mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng tsa bosakhutleng. Amen.


Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.


Ke ka ntlha ya moo ke bogang dilo tseo, mme ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse yo ke dumetseng mo go ene, ke bile ke itse ka tlhomamo gore o nonofile go boloka se ke se neetsweng go fitlha mo letsatsing leo.


O re tsetse ka fa go rateng ga gagwe ka lefoko la boammaaruri gore re nne mangwe a mabutswapele a dibopiwa tsa gagwe.


ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan