Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Baefeso 1:10 - Setswana 1970

10 gore o e dirafatse, fa dipaka di sena go tlala, e bong go kopanya tsotlhe tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng mo go Keresete yo e leng tlhogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore o bo o phuthele cotle mogo mo go Keresete, tse ri mo magorimoñ, le tse ri mo lehatsiñ, mo go ena; mo tlameleloñ ea botlalo yoa metla;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 jwa go fitlhisa sebaka sa botlalo jwa metlha mo go ene, go tla o sopanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, e bong dilo tse di kwa magodimong, le dilo tse di mo lefatsheng; ka re, mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Baefeso 1:10
29 Iomraidhean Croise  

Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


“Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele,


“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.


Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe. O tla ba tlhaola bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tlhaola dinku mo dipoding.


A re: “Sebaka se weditswe, puso ya Modimo e atametse. Tlhabologang lo dumele Efangele!”


Dilo tsotlhe tseo di ne tsa ba dirafalela go nna dikao; mme di kwaletswe tlhagiso ya rona ba bokhutlo jwa metlha ya lefatshe bo re atametseng.


Ke rata lo a itse gore Keresete ke tlhogo ya monna mongwe le mongwe, monna ene ke tlhogo ya mosadi, Modimo ona ke tlhogo ya ga Keresete.


Mme ya re sebaka se e leng sona se sena go tla, Modimo wa roma Morwaa-ona, a belegwa ke mosadi, a nna fa tlase ga molao


O beile tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa naya phuthego ene a le tlhogo e e godimo ga dilo tsotlhe.


ka go tlosa molao wa ditaolo tse di beilweng gore a bope motho yo mošwa a le mongwe fela mo go ene ka ba babedi bao, ka go dira kagiso;


yo borara jotlhe mo legodimong le mo lefatsheng bo bidiwang ka ene,


fa e le gore lo utlwile ka ga tirelo ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka ntlha ya lona;


gonne dilo tsotlhe tse di mo legodimong le mo lefatsheng, tse di bonwang le tse di sa bonweng, di tlhodilwe ka ene, le fa e ka nna ditulo tsa bogosi gongwe magosi gongwe balaodi gongwe mebuso, tsotlhe di tlhodilwe ka ene, di bile di tlholetswe ene.


le gore tsotlhe tse di mo lefatsheng le tse di kwa magodimong di ruanngwe le ona ka ene ka go dira kagiso ka ene ka madi a sefapaano sa gagwe.


mo go sa ka keng ga dira Mogerika le Mojuta, bogwera le bokgola, botho seeng le Bosethia jo e leng botho sephologolo, lekgoba le mogololesegi; mme Keresete ke ene bojotlhe, o bile o mo go botlhe fela.


wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.


ka Modimo o ne o re akanyeditse se se molemo bogolo gore ba se ka ba fitlha botlalong kwa ntle ga rona.


Kana ke dithulaganyo tsa nama fela ka ga dijo le dino le ditlhapiso tsa mefutafuta, tse di beilweng fela go ya go fitlha sebakeng sa tlhabololo.


yo o sa leng a itsiwe pele, lefatshe le ise le tlholwe, mme a bonadiwa mo metlheng ya bofelo ka ntlha ya lona


Ba opela sefela se sešwa ba re: “Go go tshwanetse go tsaya lokwalo le go kanolola dikano tsa lone, ka o tlhabilwe; mme batho ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe le ba ditšhaba tsotlhe le ba merafe yotlhe wa ba rekololela Modimo ka madi a gago,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan