Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 8:3 - Setswana 1970

3 Difela tsa ntlo ya borena di tla fetoga selelo ka sebaka se,” go bua Morena Modimo. “Ditoto tse dintsi di tla gasanngwa go ntse go rile tu!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi lihela tsa paliso li tla goa mo tsatsiñ yeuo, go bua Yehova Morena: lirepa li lintsi li tla na mo maheloñ aotle; ba tla li latlela ntle ka tirimalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Dipina tsa tempela e tlaa na dipokolelo mo motlheng oo,” go bua Morena Modimo: “Ditoto di tlaa nna dintsi; gongwe le gongwe ba tlaa di latlhela kwa ntle ba tuuletse fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 8:3
21 Iomraidhean Croise  

Nkgolole mo ditlolong tsa me tsotlhe, o se ka wa ntira kgobo ya masilo.


Ke fa moengele wa Morena a bolola, a itaya banna ba le dikete di le 185 mo bothibelelong jwa Baasiria. Ya re ba phakela ka moso, ba fitlhela botlhe bao e le ditoto fela.


Ke gona ka moo Morena o buang jaana ka ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba kitla ba mo hutsafalela ba re: ‘Ijoo, morwa-rraetsho!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgaitsadia-rona!’ Ga ba kitla ba mo lelela ba re: ‘Ijoo, morena!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgalalelo ya gagwe!’


Bagolo ba morwadia Sione ba ntse fa fatshe mo tidimalong; ba itshetse lorole mo ditlhogong, ba apere dikgetse tsa boikwatlhao. Makgarebe a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa ona fa fatshe.


Balemi ba swabile, balemi ba meweine ba lela ka ntlha ya mabele le garase, gonne ga go na kotulo mo masimong.


Itlameng, lo lele, lona baperesiti, lona badiredi ba aletare! Tlaang lo lale lo apere diaparo tsa khutsafalo, lona ba lo direlang Modimo wa me; gonne Ntlo ya Modimo wa lona e timiwa ditshupelo tsa dijo le dino.


Tsogang, lona matagwa, lo lele! Gwetlang lotlhe ba lo nwang weine ka ntlha ya matute a moweine, gonne a tlositswe mo melomong ya lona.


Jaanong Moše a raya Arone a re: “Ke sona se Morena o se buileng a re: ‘Ke tla itshupa ke le boitshepo mo go ba ba nkatamelang; ke tla ikgalaletsa fa pele ga morafe otlhe!’ ” Mme Arone a didimala.


“Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Ka moo, Morena, Modimo wa masomosomo, Morena o bua jaana a re: “Go selelo mo dipatlelong tsotlhe; mo ditseleng tsotlhe ba bua ba re: ‘Joo, rona wee!’ Ba biletsa balemi khutsafalong; ba ba itseng difela tsa khutsafalo ba bilediwa selelong.


Tlosang tlhodio ya difela tsa lona mo go nna; ga ke rate go utlwa melodi ya diletso tsa lona.


ba lo rapamang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo itshidila mo “disofeng” tse di boleta, lo ja dikwana tsa letsomane le dinamane tse di tswang mo lesakeng;


ba lo opelang dipina tsa boeleele le medumo ya harepa; lo itlhoma lo itiretse diletso jaaka Dafita;


Morena Modimo o ikanne ka bophelo jwa gagwe, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tenwa ke boikgodiso jwa Jakobe, ke ila matlo a borena a bone; ke ka moo ke latlhang motse le tsotlhe tse di mo go ona.”


Ke tla fetola meletlo ya lona khutsafalo, le difela tsotlhe tsa lona dilelo; ke apesa matheka otlhe ka diaparo tsa khutsafalo, ke dira ditlhogo tsotlhe mafatla; ke lo tlisetsa khutsafalo ya ba ba swetsweng ke ngwana yo o esi, mme bokhutlo jwa teng bo tshwana le letsatsi le le galakang.”


Bapalami ba matla ka dipitse, ditšhaka di phatsima jaaka molelo; marumo a bonala jaaka dikgadima! A bontsi jo bo bolailweng, ditoto di kana kang! Direpa ga di fele! Ba tla kgotšwa ke ditoto tsa bone.


Didimalang fa pele ga Morena Modimo, gonne letsatsi la Morena le gaufi; Morena o baakantse setlhabelo, a itshepisa balalediwi ba gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan