Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 7:3 - Setswana 1970

3 Ke fa Morena a rebega bogale. Morena a re: “Ga go kitla go dirafala!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Yehova a ikuatlaela mouo: Ga go kitla go na yalo, go bua Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Jehofa a ikwatlhaela seo a re: “Ga go ketla go dirala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 7:3
16 Iomraidhean Croise  

Jaanong Morena a re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.”


Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema go mo senya; ya re a ntse a senya, Morena a ela tlhoko, a rebega bogale, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye jaanong! Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele wa Morena a eme fa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.


A gopola kgolagano ya gagwe ka ntlha ya bona, a busa bogale, ka a na le bopelontle jo bogolo.


Mme ona ka o le kutlwelo-botlhoko, o ne o itshwarela molato, o sa ba nyeletse; e bile o ne o busa bogale jwa ona gantsi, o sa tsose kgakalo yotlhe ya ona.


Boa, Morena! Go tla nna goleele go le kae? O utlwele batlhanka ba gago botlhoko.


Ke fa Morena a busa pelo, a sa bolae morafe wa gagwe jaaka a ne a o bopetse.


“Jaanong a Hesekia, kgosi ya Juta, le Bajuta botlhe ba mmolaile? A ga ke re, o ne a boifa Morena, a kopa bopelothomogi fa pele ga Morena! Ke fa Morena a fetola maikaelelo a gagwe, a sa ba ise mo tatlhegong jaaka a ba bopetse. Jaanong a rona re ka dira bosula jo bo kana, ra ikisa ka rosi mo tatlhegong?”


‘Fa lo nna mo lefatsheng le, lo iketlile, ke tla lo agisa, ke sa lo rutle; ke tla lo tlhoma, ke sa lo kumole. Gonne ke utlwa botlhoko ka ntlha ya petso e ke e lo diretseng.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


Ikgagoleng dipelo, e seng diaparo, lo tlhabologele kwa Moreneng, Modimo wa lona; gonne ene o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko; o pelotelele le lorato lo logolo, mme o a tle a buse bogale jwa gagwe.


Go itse mang, ka gongwe o tla bo busa gape, a tlogela lesego, e leng dijo le dino tse di supelwang Morena, Modimo wa lona.


Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongwe Morena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko.


Ke fa Morena a rebega bogale gape. Morena Modimo a re: “Ga go kitla go dirafala!”


Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa.


Gonne Morena o tla direla morafe wa gagwe tshiamo, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Gonne o tla bona, fa thata e feleletse, fa go feleletse yo o bofegileng le yo o gololesegileng.


Ka moo, ipobolelaneng dibe, lo rapelelane gore lo fole. Thapelo ya mosiami e nonofile go dira tse dikgolo, fa e le ya tlhoafalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan