Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 7:2 - Setswana 1970

2 Jaanong ya re tsie e sena go fetsa go ja morogo wa lefatshe, ka re: “Morena Modimo, a ko o itshwarele! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ga rihala e sina uetsa go ya morogo otle oa lehatse, ka re, Yehova Morena, kia gu rapela, icuarela: Bayakoba ba tla ema yañ? gone ba botlana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Mme ga dirala ya re e sena go wetsa go ja bojang jwa lefatshe, foo ka re: “Morena Modimo ke a go rapela, o itshwarele. Jakobe o ka ema jang gonne o mmotlana?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 7:2
20 Iomraidhean Croise  

Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo.


Ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mo lefatshe le se kang la tlhola le bonala; ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare tse di sadisitsweng ke sefako; ga se ka ga sala botala bope mo ditlhareng le mo go tse di medileng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.


a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.”


Ka gongwe Morena, Modimo wa gago, o tla utlwa mafoko a mothoki yo mogolo yo o romilweng ke morena wa gagwe, kgosi ya Asiria, gore a tle go kgala Modimo o o phelang; a mmeletsa mafoko a Morena, Modimo wa gago, o a utlwileng. Jaanong a ko o rapelela masalela a a sa ntseng a le teng.’ ”


Dilo tse pedi tse, di go dirafaletse – Ke mang yo o tla go lelelang? – e bong kgatelelo le tshenyego, gape leuba le tšhaka. Ke mang yo o ka go gomotsang?


‘Morena, le fa melato ya rona e supa ka ga rona, thusa, o dire jalo ka ntlha ya leina la gago; ee, boikepo jwa rona bo bogolo, re go leofetse.


ba raya moporofeti Jeremia ba re: “A ko o utlwe se re se kopang, ra re, re rapelele Morena, Modimo wa gago, rona le masalela otlhe a. Kana re ne re le bantsi, mme re setse re le bannye fela, jaaka o re bona ka matlho.


Ya re ke rera jalo, ga swa Phelatya, morwa Benaya. Ka ba ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka lentswe le legolo ka re: “Ao! Morena Modimo, a o fedisa masalela a Iseraele?”


Ya re ba ntse ba bolaya jalo, nna ke setse ke le nosi, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka goa ka re: “Ao, Morena Modimo, a o nyeletsa masalela otlhe a Iseraele ka go goromeletsa bogale jwa gago mo Jerusalema?”


Ao, Morena, utlwa! Morena, itshwarele! Morena, ela tlhoko, o dire jalo; se diege ka ntlha ya gago, Modimo wa me. Gonne motse wa gago le morafe wa gago di bidiwa ka leina la gago.”


A baperesiti, badiredi ba Morena, ba lele fa gare ga mathudi le aletare! A ba rapele ba re: “Morena, rekegela morafe wa gago! O se ka wa tlhabisa boswa jwa gago ditlhong gore ditšhaba di se ka tsa bo opela dipina tsa tshotlo! Kana ba tla bo ba buelang mo merafeng ba re: ‘Modimo wa bona o kae?’ ”


“Ke lo beditse ka phori le ka mongadule mo mabeleng; le gona tsie e jele masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa difeie le tsa diolefa tsa lona gantsi, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Mme ka re: “Morena Modimo, a ko o lese! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”


Gonne ke mang yo o ka nyatsang letsatsi la dilo tse dipotlana, etswe matlho a supa ale a Morena a a ralalang lefatshe lotlhe a itumela, fa a bona serophiso se le mo seatleng sa ga Serubabele?”


Ya laelwa gore e se ka ya senya bojang jwa lefatshe, le fa e le sepe se setala, le fa e le setlhare sepe, fa e se batho fela ba ba se nang letshwao la Modimo mo diphatleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan