Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 4:3 - Setswana 1970

3 Lo tla tswa lo gapilwe, mosadi mongwe le mongwe a tlhamaletse fela kwa a isiwang teng, lo latlhelwa kwa Haremona,” go bua Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi lo tla coa ka likhagogo, moñue le moñue go lebagana nae; mi lo tla latlioa mo palisoñ, go bua Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo tlaa tswa ka diphatlha, mongwe le mongwe a tlhamalaletse fela kwa pele ga gagwe; mme lo tlaa itatlhela mo Haremone.’ Go bua Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 4:3
12 Iomraidhean Croise  

Ya baa gona ba sutlhelelang mo motseng. Ya re Setekia le banna botlhe ba batlhabani ba bona jalo, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – Setekia a tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane.


Ya re ba ba latela go ya kwa Joretane, ba fitlhela tsela yotlhe e tletse diaparo le dibolai tse Basiria ba di latlhileng ka go tshaba ka potlako. Ke fa barongwi ba boa ba bolelela kgosi jalo.


Ka letsatsi leo batho ba tla latlha medimo ya selefera ya bone le medimo ya gouta ya bone e ba e itiretseng gore ba e obamele; ba e latlhela dirunya le bomamathwane


Gonne mo metlheng eo mongwe le mongwe o tla latlha medimo ya gagwe ya selefera le medimo ya gagwe ya gouta, e lo e itiretseng ka diatla tsa lona go leofa ka yona.


Ke fa ba sutlhelela mo motseng. Batlhabani botlhe ba tshaba, ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi, e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – ba tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane.


Kgosi e ba nang nayo e tla sikara dithoto mo legetleng mo lefifing le lentsho, e tswa ka lobota lo e tla lo phunyang gore e tswe ka lone; e tla ipipa sefatlhego gore e se ka ya bona lefatshe ka matlho.


Mme o phunye lobota ba ntse ba go bona, o tswe ka phatlha ya lone.


ke ka moo lo tla isiwang mo botshwarong jaanong, lo etelela batshwarwi pele; mme tlhapelo ya ba ba rapameng mo malaong e tla khutla.


Lefa e le selefera ya bone kgotsa gouta ya bone le tsona ga di nke di kgona go ba pholosa ka letsatsi la bogale jwa Morena, mme lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la Gagwe, ruri O tla nyeletsa baagi ba lefatshe ka bonako.


Gonne motho go ka mo thusang, le fa a ka bapala lefatshe lotlhe, mme a senyegelwa ke bophelo jwa gagwe jwa nnete? Gongwe motho o ka ntsha eng go nna segololo sa bophelo jwa gagwe?


Gileate o ne a itulela kwa moseja ga Joretane. Ke eng fa Dane a le mo mekorong? Asere a itunna fa losing lwa lewatle, a nna kwa matsibogong a lone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan