Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 3:2 - Setswana 1970

2 “Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki lo itsile losi mo tsikeñ cotle tsa lehatse: ki gona ki tla lo beletsañ tsiamololo tsa lona cotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Ke itsile lona fela lo le losi mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ke gone ka moo ke tlaa lo kgopololela maikepo otlhe a lona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 3:2
37 Iomraidhean Croise  

Ke tsona ditso tsa bomorwa Noa ka fa ditshikeng tsa bone mo ditšhabeng tsa bone. Ditšhaba tse di mo lefatsheng di dule mo go bone, tsa anama mo lefatsheng morago ga morwalela.


gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”


O itsise Jakobe Lefoko la ona, o itsise Iseraele melao ya ona le dithulaganyo tsa ona.


Tsamaya jaanong o ise morafe o kwa felong fa ke go go boleletseng. Bona, moengele wa me o tla go etelela pele, mme ke tla ba beletsa boleo jwa bone ka letsatsi le ke tla betsang ka lone.”


Re fetogile ra tshwana le ba o iseng o ke o ba buse ka gope; ba ba iseng ba bidiwe ka leina la gago.


Gonne bona, ke tla bitsa ditso tsotlhe tsa magosi a a kwa bokone,” go bua Morena, “mme ba tla tla, mongwe le mongwe a baya sedulo sa gagwe sa bogosi fa mejakong ya dikgoro tsa Jerusalema, le go bapa le dipota tsa gagwe mo tikologong, le go bapa le metse yotlhe ya Juta.


Baheitane ba ba sa go itseng le ditshika tse di sa bitseng leina la gago di goromeletse bogale jwa gago! Gonne di jele Jakobe, tsa mo ja, tsa mo fetsa, tsa ntsha meago ya gagwe marope.


Ka moo Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Bona, ke tla ba otla! Makau a bone a tla swa ka tšhaka; bomorwaa-bone le bomorwadia-bone ba tla swa ka tlala.


O tla reng, fa a ba dira barena ba gago ba ò ba tlwaeditseng go nna ditsala tsa gago? A ga ke re, metlotsedi e tla go tshwara jaaka mosadi yo o belegang?


Morena o bua jaana ka ga morafe o a re: “Ba ratile go kgarakgatshega jalo, ba sa thibele maoto a bone; ka moo ga ba a ka ba kgatlha Morena. Jaanong o tla gakologelwa melato ya bone, a ba beletsa maleo a bone.”


“Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ka ona ke tla betsang botlhe ba ba rupileng mo mmeleng fela,


Ka ntlha ya makgapha otlhe a gago ke tla go direla tse ke iseng nke ke di dire; le gona ga nka ke ka tlhola ke di dira gape.


Bolayang banna bagolo le makau le makgarebe le bana le basadi, lo ba bolaele ruri. Mme lo se ka lwa atamela ope yo o nang le letshwao. Simololang mo Felong-ga-Boitshepo ga me.” Mme ba simolola ka banna ba bagolo ba ba fa pele ga Ntlo.


O dirafaditse mafoko a ona a o a buileng ka ga rona le ka ga babusi ba rona ba ba neng ba re busa, ka go digela tatlhego e kgolo mo go rona, e e iseng e ke e dirafale fa tlase ga letsatsi, jaaka e dirafaletse Jerusalema kajeno.


Ke tla mmeletsa malatsi a boBaale ba o ba tshubetseng maswalo, a ikgabisa ka manyena a gagwe le ka dibaga tsa gagwe tsa molala, a sala dinyatsi tsa gagwe morago, mme nna a ntebala,” go bua Morena.


Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.”


Ba tlhaba ditlhabelo tse ba di ntlelang; ke nama, e jewa ke bone. Morena ga a kgatlhwe ke tsona. Jaanong o tla gopola tshiamololo ya bone, a ba beletsa maleo a bone; ba tla boela kwa Egepeto.


Ba sentse mo go maswe jaaka mo malatsing a Gibea. Modimo o tla gopola molato wa bona, o ba watlhaela maleo a bona.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Juta, le fa e le a mararo fela, ka ba latlhile molao wa Morena, ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa gagwe, mme medimo ya maaka ya bone e ba timeditse e borraabo ba neng ba e sala morago.


A ba le babedi ba ka tsamaya mmogo, ba ise ba utlwane?


A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.


Ke ka moo Morena a buang jaana a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo tatlhego e lo sa ka keng lwa somola melala ya lone mo go yona. Ga lo ka ke lwa tlhola lo tsamaya lo inamologile, ka e tla bo e le sebaka se se bosula.


Ke ka ntlha ya boaka jo bogolo jwa seaka se sentle se se kgatlhisang, setswerere sa mereo ya boloi; se se tsieditseng ditšhaba ka boaka jwa sona le ditshika ka mereo ya boloi ya sona.


O dirile gore setšhaba sengwe le sengwe sa batho se tswe mo mading a le mangwe fela, ba age mo lefatsheng lotlhe; o tlhomamisitse metlha ya bone e e beilweng pele le melelwane ya maago a bone


Tlalelo le pitlagano di tla wela motho mongwe le mongwe yo o dirang bosula, Mojuta pele, le ene Mogerika.


Mme fa mongwe a rata Modimo, yoo o itsilwe ke ona.


Mme ke borraeno fela ba ba neng ba kgatlha Morena gore a ba rate; a ba a tlhopha lona ba losika lwa bone sehularong sa bone mo merafeng yotlhe jaaka go ntse kajeno.


Kajeno Morena o go utlwile o re, wena o tla nna morafe wa gagwe o o mo ineetseng jaaka a go solofeditse, o tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe.


Gonne kabelo ya Morena ke morafe wa gagwe; Jakobe ke boswa jwa gagwe jo bo lekantsweng.


“Kana lo ka botsolotsa tsa malatsi a pele, lo ise lo nne teng, tsa go tloga ka letsatsi le Modimo o bopileng motho mo lefatsheng ka lone le tsa go tloga mafelelong a legodimo go ya go fitlha mafelelong a mangwe a legodimo gore a go kile ga dirafala dilo tse dikgolo tse di ntseng jalo gongwe a go utlwetswe tse di ntseng jalo?


Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.


Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan