Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 2:3 - Setswana 1970

3 Ke tla nyeletsa mmusi mo gare ga bone, ke bolaya dikgosana tsotlhe tsa bone nae.” Morena o buile jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ki tla khaola mosiamisi go bona, le khosana cotle tsa bona, ki tla li bolaea nae, go bua Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ke tlaa kgaola moatlhodi mo gare ga gone, ke tlaa bolaya dikgosana tsotlhe tsa teng nae.” Go bua Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 2:3
10 Iomraidhean Croise  

O goromeletsa nyatsego mo batlotleging; o repisa meitlamo ya ba ba thata.


Fa baatlhodi ba bona ba digwa mo makgotlhong, ba tla utlwa mafoko a me, fa e le a a monate.


Ka moo he, tlhalefang, lona dikgosi; tlhagisiwang, lona baatlhodi ba lefatshe.


O nyeletsa barena, a fetole baatlhodi ba lefatshe lefelafela.


Lonaka lwa Moabe lo kgaotswe. Letsogo la gagwe le robegile.” Morena o buile jalo.


“Ee, e re ka o ikantse ditiro tsa gago le mahumo a gago, le wena o tla thopiwa. Modimo Kamose o tla tswa, o ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba ona le dikgosana tsa ona.


Gonne ke a itse, ditlolo tsa lona di dintsi, le maleo a lona a a boitshega, ba lo ilang mosiami, lo amogela madi a thelesetso, lo gatelela mohumanegi mo lekgotleng.


lona ba lo fetolang katlholo longana, ba lo digelang tshiamo fa fatshe!


A dipitse di ka siana mo mafikeng? Gongwe a lewatle le ka lengwa ka dipholo? Gonne lo fetotse katlholo mogau, le leungo la tshiamo lo le fetotse longana.


Ke a mmona, mme e seng jaanong, ke mo lebile, mme ga a gaufi. Naledi e bonala e tswa mo go Jakobe, thobane ya bogosi e tsoga e tswa mo go Iseraele. O tla tšhwetla ditlhogo tsa Moabe, a diga beng ba moferefere botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan