Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 1:4 - Setswana 1970

4 Mme ke tla latlhela molelo mo ntlong ya ga Hasaele gore o je matlo a borena a ga Benehatate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ki tla romela molelo kua tluñ ea Hasaele, o o tla nyeletsañ lipaliso tsa Bena‐hadade.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ke tlaa tsenya molelo mo ntlong ya ga Hasaele, mme o tlaa laila matlo a dikgosi a ga Benehatate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 1:4
20 Iomraidhean Croise  

Mme Morena a mo raya a re: “Ikgate motlhala, o ye kwa sekakeng sa Damaseko, o tsene teng, o fete o tlotse Hasaele go nna kgosi ya Siria.


Ke fa Joase morwa Joahase a thopolola metse mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele e yoo o neng a e thopile mo diatleng tsa go Joahase rraagwe mo ntweng. Joase a mo fenya gararo, a busa metse ya Iseraele jalo.


Ke fa Morena a tukela Baiseraele bogale a ba neela mo diatleng tsa ga Hasaele kgosi ya Siria le mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele ka metlha yotlhe ele.


Morago ga moo Benehatate kgosi ya Siria ya phutha mephato yotlhe ya yona, ya bolola, ya dikanyetsa motse wa Samaria ka ntwa.


Ke fa Asa a ntsha selefera le gouta mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela kwa go Benehatate kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko a re:


Mme e tla re fa lo sa nkutlwe, lo sa itshepise letsatsi la Sabata, fa lo rwala morwalo le go tsena ka ona mo dikgorong tsa Jerusalema ka letsatsi la Sabata, foo ke tla tshuba molelo mo dikgorong tsa gagwe o o tla nyeletsang matlo a borena a Jerusalema, o o sa ka keng wa tingwa ka gope.’ ”


“Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Damaseko gore o nyeletse matlo a borena a ga Benehatate.”


Foo ba tla itse gore ke nna Morena, mogang ke tshubang molelo mo Egepeto, mme bathusi botlhe ba teng ba thubaganngwa.


‘Ke tla latlhela molelo kwa go Magogo le kwa go ba ba agileng fa lewatleng ba iketlile gore ba itse, fa ke le Morena.


“E re ka Iseraele a lebetse Mmopi wa gagwe, a aga matlo a borena, le ka Juta a agile bontsi jwa metse e e femetsweng, ke tla tshuba metse ya gagwe ka molelo o o jang matlo a teng a borena.”


Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Tiro gore o je matlo a borena a teng.”


Mme ke tla latlhela molelo kwa Themane gore o je matlo a borena a Bosera.”


Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Raba gore o je matlo a borena a teng, go ntse go tlhajwa mokgosi ka letsatsi la tlhabano, phefo e ntse e foka thata ka letsatsi la ledimo.


Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Gasa gore o je matlo a borena a teng.


Mme ke tla latlhela molelo kwa Moabe gore o je matlo a borena a Keriothe; mme Moabe o tla swa ka modumo wa ntwa, fa go opiwa mokgosi, fa go lediwa lonaka.


Mme ke tla latlhela molelo kwa Juta gore o je matlo a borena a Jerusalema.”


Le gona Modimo wa busetsa bosula jotlhe jwa banna ba Šegeme mo ditlhogong tsa bone. Khutso ya ga Jothame morwa Jerubaale ya ba wela jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan