Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Amose 1:3 - Setswana 1970

3 Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Damaseko, le fa e le a mararo fela. Gonne ba phothile ba Gileate ka meotlwana ya ditshipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 ¶ Go bua yalo Yehova: Kaga litlolo li teri tsa Badamaseka, le kaga li for, ga ’nkitla ki bosa peco ea bona; gone ba le ba phota Gileada ka likoloi tsa photo tsa tsipi:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Jehofa o bua jaana, a re: “Ka ditlolo di le tharo tsa Damaseko, ee, ka di le nne, ga nketla ke faposa petso ya teng; ka ba phothile Gileate ka diphotho tsa tshipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Amose 1:3
26 Iomraidhean Croise  

Mme go tla dirafala go re: Yo o falolang mo tšhakeng ya ga Hasaele a bolawe ke Jehu; le yo o falolang mo tšhakeng ya ga Jehu a bolawe ke Elisa.


Ke fa Morena a tukela Baiseraele bogale a ba neela mo diatleng tsa ga Hasaele kgosi ya Siria le mo diatleng tsa ga Benehatate morwa Hasaele ka metlha yotlhe ele.


Kana kgosi ya Siria e ne e se ka ya sadisetsa Joahase batlhabani, fa e se bapalami ba le 50 le dikoloi tsa ntwa di le some le batlhabani ba dinao ba le 10 000 fela; gonne e ne e ba nyeleditse, ya ba dira jaaka lerole, fa go phothwa mabele.


Kgosi ya Asiria ya utlwana nae, ya bolola, ya ya kwa Damaseko, ya mo thopa, ya isa batho ba teng mo botshwarong kwa Kire, ya bolaya Resine.


Mme Hasaele a botsa a re: “Mong wa me o lelelang?” A fetola a re: “Ke a lela, gonne ke itse tse di bosula tse o tla di direlang Baiseraele. Metse e e femetsweng ya bone o tla e latlhela mo molelong, o bolaya makau a bone ka tšhaka, o tšhwetlakanya bana ba bone, o phunya ba baimana ba bone dimpa.”


Lo nkgobile e setse e le la bosome, lwa ntirela ka setlhogo lo sa tlhajwe ke ditlhong.


O tla go pholosa mo ditlalelong tse thataro, ee, mo go tse supa ga go na botlhoko bope jo bo ka go amang:


Dilo di le thataro Morena o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene:


Di kgaoganye ka ba supa gongwe ka ba ba robedi. Gonne ga o itse gore lefatshe le tla welwa ke kotsi e e ntseng jang.


Kana kumina e ntsho ga e phothwe ka selei; maotwana a koloi ga a dikolosiwe mo kumineng. Mme kumina e ntsho e phothwa ka thobane, le kumina ka thupa.


Bona, ke go dira sephothi se sešwa se se bogale se se meno a mantsi; o tla photha dithaba, o di sila, o fetola meboto moko.


Gonne e tla re mosimane a ise a itse go latlha tse di bosula le go tlhopha tse di molemo, lefatshe le ò tshabang dikgosi tse pedi tsa lone, le bo le tlogetswe.


Gonne tlhogo ya Siria ke Damaseko, tlhogo ya Damaseko ke Resine. Mme e tla re dinyaga di le 65 di sena go feta, Baeferaime ba bo ba thubakantswe, e sa tlhole e le morafe.


Gonne e tla re pele mosimanyana a ise a itse go bitsa a re: ‘Rra!’ gongwe: ‘Mma!’ khumo ya Damaseko le thopo ya Samaria di isiwe kwa kgosing ya Asiria.”


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Baamone, le fa e le a mararo fela. Gonne ba segakile basadi ba Gileate ba baimana dimpa, gore ba sutise molelwane wa bone.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Gasa, le fa e le a mararo fela, ka ba thopile batho botlhe, e le go ba neela Etomo.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Tiro, le fa e le a mararo fela. Gonne ba neetse Etomo batshwarwi botlhe, ba sa gopole kgolagano ya bana ba motho.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Moabe, le fa e le a mararo fela, ka ba fisitse marapo a kgosi ya Etomo, ya nna molora.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Juta, le fa e le a mararo fela, ka ba latlhile molao wa Morena, ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa gagwe, mme medimo ya maaka ya bone e ba timeditse e borraabo ba neng ba e sala morago.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Iseraele, le fa e le a mararo fela. Gonne ba rekisitse mosiami, go bona madi, le motlhoki go bona ditlhako tse pedi.


Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga lefatshe la ga Haterage; le bile le raya Damaseko; gonne Morena o lebile batho le ditso tsotlhe tsa Iseraele.


Le ka ga Hamathe le ene yo o bapileng nae, le ka ga Tiro le ka ga Sitone – ka a le botlhale thata.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan