Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




2 Petero 3:3 - Setswana 1970

3 Itseng pele gore mo malatsing a bofelo go tla tla basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone, ba sotla

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ka go itse se pele, ha go tla tla bashotli, mo metleñ ea bohelo, ba ba tla tsamaeañ yaka likhatlego tsa bona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo ntse lo itse mo pele, gore mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




2 Petero 3:3
17 Iomraidhean Croise  

ba lo boleletse ba re: “Mo sebakeng sa bofelo go tla nna basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone tsa boikepo.”


bogolo bone ba ba latelang nama ka dikeletso tse di maswe, ba nyatsa borena; ba matepe, ba a ikgantsha, ga ba boife go kgala bagalaledi,


Bao ke bangongoregi ba ba galalang tse ba di newang, ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone; le gona melomo ya bone e bua mafoko a bodipa, ba ntse ba tlakisa batho go ipatlela thuso.


mme re baketse tse di fitlhegileng tsa ditlhong, ka re sa tsamae mo boferefereng, le e seng go sokamisa Lefoko la Modimo; mme ka go bonatsa boammaaruri re ntse re itshupetsa digakolodi tsotlhe tsa batho fa pele ga Modimo.


ka lo itse bogolo gore ga go na polelelopele epe ya Lokwalo e e bolelwang ka tlhaloso ya boithatelo ya motho;


Mme itse gore mo malatsing a bofelo go tla tla dipaka tse di bokete;


Ba e leng basotli o tla ba sotla; mme ba ba ikokobetsang o tla ba tlhomogela pelo.


Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso?


Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone; wa kelelelo ene o bo bona ka botlhofo.


Banaka, ke nako ya bofelo, mme go ntse jaaka lo kile lwa utlwa gore moganetsa-Keresete o e tla; go setse go tsogile baganetsa-Keresete ba bantsi jaanong. Ke ka gona moo re itseng gore ke nako ya bofelo.


Mo moletlong wa kgosi ya rona dikgosana di lwala ka bogale jwa weine. Kgosi e tshwaragana ka mabogo le basotli.


Gonne ga go tlhole go le morena yo o pelompe; mosotli o nyeletse; botlhe ba ba logang maano a boikepo ba bolailwe,


Ka moo he, utlwang lefoko la Morena, lona basotli ba lo busang morafe o, o o mo Jerusalema.


ba ba reng: “A a itlhaganele, a akofise tiro ya gagwe gore re e bone; a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele, bo dirafale gore re bo itse!”


Yo o nnyatsang, a sa amogele mafoko a me, o na le se se tla mo atlholang: Lefoko le ke le buileng ke lone le le tla mo atlholang ka letsatsi la bofelo.


wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan