Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




2 Petero 2:3 - Setswana 1970

3 Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ba tla lo riha theko ka timano le mahuku a maka; ba, tsekisho ea bona e e ba bopetseñ bogolugolu e sa riegeñ, le ba tsenyego ea bona e sa otseleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ka ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




2 Petero 2:3
43 Iomraidhean Croise  

Ee, lesiela le lone lo ka le tlhamela tengwa, lwa bapatsa tsala ya lona.


O nkgolotse mo dikganetsanyong tsa batho; o ntirile tlhogo ya merafe. Ke diretswe ke setšhaba se ke neng ke sa se itse.


Rayang Modimo lo re: “Ditiro tsa gago di tlotlometse jang ne! Baba ba gago ba tla go tlakisa ka ntlha ya bogolo jwa thata ya gago.


Ke ne ke tla akofa ke kokobetsa baba ba bona, ke tsholeletsa baganetsi ba bona letsogo.


ba ba reng: “A a itlhaganele, a akofise tiro ya gagwe gore re e bone; a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele, bo dirafale gore re bo itse!”


“Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo.


Yo mmotlana o tla tswa ba le sekete; yo monnye o tla nna setšhaba se se thata. Nna Morena ke tla akofa ke dirafatsa tseo mo motlheng wa tsona.”


“Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti.


Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe.


Lo intshepolola mo morafeng wa me gore lo bone garase e e tlalang diatla le dithathana tsa bogobe, gore lo tle lo bolae mewa e e sa tshwanelang go swa; gore lo phedise mewa e e sa tshwanelang go phela ka maaka a lona a go aketsa morafe wa me, o o ratang go utlwa maaka.’


Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”


Modimo o tla tswa kwa Themane, Moitshepi a tswa kwa thabeng ya Pharane. Sela. Kgalalelo ya ona e khurumeditse magodimo, lefatshe le tletse pako ya ona.


“E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele.


Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ja matlo a batlholagadi, lo itimokanya ka dithapelo tse ditelele; ke ka ntlha ya moo lo tla bonang katlholo e e bokete.


Ke lo raya ke re: O tla ba atlholela ka bonako. Fela a e tla re Morwa-Motho a tla, a fitlhele tumelo mo lefatsheng?”


Jaanong ba mo lepa, ba roma balaledi ba ba itimokanyang ka go ipaya basiami, gore ba mo tshware mo lefokong lengwe, ba be ba mo neele mmuso, e bong mo thateng ya molaodi.


E rile a sa ntse a bua, ba bona go tla letshuti la batho, mme yo o bidiwang Jutase, mongwe wa ba 12, a bo a ba eteletse pele, a ba a atamela Jesu go mo atla.


A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: “Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.”


Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle.


Gonne ga re etse ba bantsi ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, mme re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete ka bopelophepa, jaaka go tswa mo Modimong.


“O se ka wa kgopamisa tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela le e seng go tsaya seaparo sa motlholagadi go nna peeletso.


go ya letsatsing la pusoloso le tefetso, go ya sebakeng se dinao tsa bone di tla thekeselang ka sona? Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le gaufi; tse di tla ba welang di a itlhaganela.


Gonne ga re ise re ke re bue mafoko a a tlakisang jaaka lo itse, le e seng ka maano a megagaru – Modimo ke mosupi –


Gonne e tla re go twe: “Go kagiso le polokego!” ke gona tshenyego e tla ba welang ka tshoganyetso, jaaka ditlhabi di wela mosadi yo moimana, mme ga ba kitla ba falola.


e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;


Badiredi le bone ba tshwanetse go nna batho ba tlotlego, ba se diteme-pedi, ba sa itlopele bojalwa, ba sa batle mahumo ka mokgwa o o maswe,


le diphapaang tse di sa feleng tsa batho ba ba senyegileng tlhaloganyo, ba ba amogilweng boammaaruri, ka ba itlhoma poifo-Modimo e le papadi.


ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe.


gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,


“lentswe le le kgopang, letlapa la seru;” bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe.


ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;


Gonne e rile re lo itsise thata ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla gape ga gagwe, ra bo re sa latele dinaane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba ba bonyeng borena jwa gagwe.


Mme e bile go ne go le baporofeti ba maaka mo bathong, jaaka le mo go lona go tla nna baruti ba maaka ba ba tla sukunyetsang dithuto tse di senyang; jaanong e re ka ba latola Morena yo o ba golotseng, ba itsisetsa tshenyego ya tshoganyetso.


go bonala gore Morena o itse go golola baboifa-Modimo mo thaelong, le go bolokela basiamolodi letsatsi la katlholo gore ba watlhaiwe,


A tatlhego ya bone wee! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba itatlhela mo timelong ka ntlha ya tuelo jaaka Bileame, ba latlhega ka go rukhutlha jaaka Kora.


go tla go sekisa botlhe le go betsa baikepi botlhe ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa boikepo jwa bone, tse ba di dirileng ka go ikepa, le ka ntlha ya mafoko otlhe a bodipa a baleofi bao ba ba ikepileng ba a buileng ka ga gagwe.”


Bao ke bangongoregi ba ba galalang tse ba di newang, ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone; le gona melomo ya bone e bua mafoko a bodipa, ba ntse ba tlakisa batho go ipatlela thuso.


Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete.


jaaka ba Sotoma le Gomora le ba metse e e neng e le mo tikologong, ba ba akafetseng ka mokgwa wa bao, ba latela nama e sele, ba beilwe go nna sekao ka go boga petso ya molelo o o sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan