Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




2 Petero 1:3 - Setswana 1970

3 Kana ke thata ya gagwe ya bodimo e e re abetseng dilo tsotlhe tse di re direlang bophelo le poifo-Modimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le ka maatlametlo a gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 O o re neileñ kaha thateñ ea gague ea Morimo, cotle tse ri cuanetseñ botselo le poihomorimo, ka kico ea gague, eo o re bileritseñ khalaleloñ le bonatla;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ka gobo thata ya gagwe ya Semodimo, e re neile dilo tsotlhe tse e leng tsa botshelo le tsa poifomodimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le molemo wa gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




2 Petero 1:3
39 Iomraidhean Croise  

Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube.


Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malapeng a gago le gaisa malatsi a le sekete a mangwe. Ke rata go nna fa serepoding sa mojako wa Ntlo ya Modimo wa me bogolo go go aga mo matlong a boikepo.


Mosadi yo o maatlametlo ke serwalo sa monna wa gagwe; mme yo o tlhabisang ditlhong o tshwana le go tlhotlhona ga marapo a gagwe.


Mosadi yo o maatlametlo o bonwa ke mang? Kana ene ke lehumo le le gaisang ditalama tsa tlhwatlhwa e kgolo.


“Basadi ba bantsi ba dirile ka maatlametlo, mme wena o ba phala botlhe!”


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


O e bileng o sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe nae?


Le rona o re biditse jalo, e seng mo Bajuteng fela, mme le mo baheitaneng;


Modimo o boikanyo, o lo bileditsweng ke ona go kopanngwa le Morwaa-ona Jesu Keresete, Morena wa rona.


Mme Morena a nthaya a re: “Bopelotlhomogi jwa me bo go lekanye; gonne thata ya me e bonala ka botlalo mo bokoeng.” Ke gona ka moo bogolo ke tla ipokang ka makoa a me gore thata ya ga Keresete e nne mo go nna.


Jaanong nna ke le mogolegwi mo Moreneng, ke lo kaela gore lo tsamae ka fa go tshwanetseng pitso e lo biditsweng ka yona


Ke mmele o le mongwe fela le Mowa o le mongwe fela, jaaka lo bileditswe mo tsholofelong e le nngwe fela ya go bidiwa ga lona;


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.


gonne dilo tsotlhe tse di mo legodimong le mo lefatsheng, tse di bonwang le tse di sa bonweng, di tlhodilwe ka ene, le fa e ka nna ditulo tsa bogosi gongwe magosi gongwe balaodi gongwe mebuso, tsotlhe di tlhodilwe ka ene, di bile di tlholetswe ene.


re lo kgothatsa, re lo tiisetsa gore lo sepele ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo o o lo bileditseng pusong le kgalalelong ya ona.


Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong.


Ke se o lo bileditseng sona ka Efangele ya rona gore lo rue kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete.


Gonne go sidila mmele go na le thuso e nnye fela, mme poifo-Modimo yona e na le thuso mo dilong tsotlhe, ka e na le tsholofetso ya botshelo jwa gompieno le ya jo bo tlang.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,


mme le lona lo nne boitshepo mo tsamaong yotlhe ya lona, jaaka ene yo o lo biditseng a le boitshepo,


lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.


gonne lo bileditswe gona moo. Keresete le ene o bogisitswe ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo gate motlhala wa gagwe;


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Ka ntlha ya moo, ba ga etsho, tlhoafalang bogolo gore lo tlhomamise go bidiwa ga lona le go tlhaolwa ga lona; gonne fa lo dira jalo, ga lo kitla lo kgotšwa ka gope.


A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele ka go itse Modimo le Jesu, Morena wa rona!


Ka ntlha ya moo, tlhoafalang thata gore lo oketse tumelo ya lona ka maatlametlo, le maatlametlo ka kitso,


le kitso ka boitshwaro, le boitshwaro ka tshwarelelo, le tshwarelelo ka poifo-Modimo,


Gonne fa dilo tse, di le teng mo go lona, mme di ntse di ata, di tlosa botshwakga le botlhoka-leungo ntlheng ya go itse Morena wa rona Jesu Keresete.


Gonne fa e re ba sena go falola mo masweng a lefatshe ka go itse Morena le Mogolodi Jesu Keresete, ba boa ba thaisiwa ke ona le go fenngwa ke ona, bao kemo ya bone ya morago e a tle e sulafale bogolo go ya pele.


Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!


Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan