Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 5:3 - Setswana 1970

3 e seng jaaka barena ba diphuthego, mme lo nne dikao tsa letsomane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Le esiñ go laolela boshua yoa Morimo, mi lo ne yaka likao go lecomane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 le fa e le ka mokgwa wa go rena mo go ba lo ba tshwaetsweng, fa e se ka go itira dikao mo letsomaneng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 5:3
26 Iomraidhean Croise  

Go sego morafe o Morena e leng Modimo wa ona, batho ba a ba itlhaoletseng go nna boswa jwa gagwe.


Gopola phuthego ya gago e o sa leng o e ithekela bogologolo e o e ithekololetseng gore e nne setšhaba sa boswa jwa gago, e bong thaba ya Sione e o kileng wa aga mo go yona.


Tse di fokolang ga lo a ka lwa di tiisa; tse di lwalang ga lo a ka lwa di alafa; tse di robegileng ga lo a ka lwa di fapa; tse di lelekilweng ga lo a ka lwa di busa; tse di timetseng ga lo a ka lwa di batla; mme tse di tiileng lwa di gataka ka kgatelelo.


Disa morafe wa gago ka kgoge ya gago, e bong letsomane la boswa jwa gago, ba ba agileng ba le bosi mo dikgweng mo gare ga dinaga tse di pila; a ba fule kwa Basane le kwa Gileate jaaka mo metlheng ya bogologolo.


Mme wena le bomorwao lo tlhokomele boperesiti jwa lona mo dilong tsotlhe tsa aletare le tsa ka fa teng ga lesire lo direle teng. Ke lo naya boperesiti e le tirelo e lo e fiwang. O sele yo o ka atamelang o tshwanetse go bolawa.”


Kana ke ne ke lo beela sekao gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse.


Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona.


Le gale mo Moreneng mosadi ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga monna, le monna ga a ka ke a nna teng kwa ntle ga mosadi;


Kana Paulo ke eng? Le Apolo ke eng? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone, mme e le ka fa Morena abetseng mongwe le mongwe ka teng.


Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.


Ga se gore re laola tumelo ya lona, mme re thusa go oketsa boitumelo jwa lona; gonne lo eme mo tumelong.


Gonne ga re rere ka ga rona, re rera Keresete Jesu gore ke ene Morena, le gore rona re batlhanka ba lona ka ntlha ya ga Jesu;


Gonne kabelo ya Morena ke morafe wa gagwe; Jakobe ke boswa jwa gagwe jo bo lekantsweng.


Ba ga etsho, nnang baetsi ba ka lotlhe, lo ele ba ba tsamayang jalo tlhoko, jaaka re le sekao sa lona;


Tse lo di ithutileng, lwa di amogela, lwa di utlwa, lwa di bona le mo go nna, lo di dire, mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.


mo lo bileng lwa nna sekao sa badumedi botlhe koo Maketonia le mono Agaya.


Ga se go re, ga re na tshiamelo ya go dira jalo, mme ke go re, re ipee sekao mo go lona gore lo re etse.


A go se nne ope yo o nyatsang bokau jwa gago, mme o nne sekao mo go ba ba dumelang ka puo le motsamao le lorato le mowa le tumelo le ka boitsheko.


o ntse o itshupa ka dilo tsotlhe gore o sekao mo ditirong tse di molemo; mo go ruteng o itshupe ka maikutlo a a sa senyegang le ka tlotlego,


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan