Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 5:2 - Setswana 1970

2 ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Hurisañ lecomane ya Morimo ye le mo go lona, go le lebela esiñ ka kholo, mi a e ne ka itloahalo; le esiñ ka ntla ea tuelo e e mashue, a e ne ka pelu eotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ka re: Disang letsomane la Modimo le le mo go lona, lo ntse lo lebela, e seng ka go patelelwa, mme ka pelo e e ratang, ka fa mokgweng wa Modimo; e seng gore lo tle lo bone khumo ka bokhutlo jo bo itumelang;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 5:2
41 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re ka ngwaga wa 23 wa puso ya kgosi Joase baperesiti ba ise ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo,


Fa o sa itse, wena yo montlentle mo basading, tswaya o latele metlhala ya dinku o fudise dipotsane tsa gago kwa mekgorong ya badisa.


O fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o phutha dikwana ka letsogo, a di tshola mo sehubeng, a iketlisa tse di amusang.


“Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo.


Ka ba ka utlwa lentswe la Morena le re: “Ke tla roma mang? Ke mang yo o tla re elang?” Ka re: “Ke fano, nthome!”


Ke fa morafe wa gagwe o gopola malatsi a kgale a ga Moše, o re: “O kae yo o neng a ntsha modisa wa letsomane mo metsing? O kae yo o neng a tsenya Mowa o o Boitshepo wa gagwe mo teng ga gagwe?


Mme fa lo sa utlwe mafoko a, mowa wa me o tla lelela mo sephiring ka ntlha ya boikgodiso jwa lona; leitlho la me le tla lela mo go botlhoko, le ela dikeledi, ka letsomane la Morena le isiwa mo botshwarong.


Jerusalema, tsholetsa matlho, o bone ba ba tswang kwa ntlheng ya bokone! Motlhape o ò o filweng o kae? Letsomane le lentle la gago le kae?


“Gonne botlhe bao ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; botlhe bao ba a tsietsa, le fa e le baporofeti gongwe baperesiti.


Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe.


Ke tla di tsosetsa Modisa a le mongwe, o tla di fudisa, e bong Dafita, motlhanka wa me; ene o tla di disa, o tla nna Modisa wa tsona.


“ ‘Lona lo dinku tsa me, lo dinku tse ke di fudisang; lo batho, mme nna ke Modimo wa lona,’ go bua Morena Modimo.”


A ba a nthaya a re: “Ke ona matlo a a apeelang, fa badiredi ba Ntlo ba apeelang teng ditlhabelo tse di jewang tsa batho.”


Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”


Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.


Disa morafe wa gago ka kgoge ya gago, e bong letsomane la boswa jwa gago, ba ba agileng ba le bosi mo dikgweng mo gare ga dinaga tse di pila; a ba fule kwa Basane le kwa Gileate jaaka mo metlheng ya bogologolo.


A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.”


“E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele.


Mme wena le bomorwao lo tlhokomele boperesiti jwa lona mo dilong tsotlhe tsa aletare le tsa ka fa teng ga lesire lo direle teng. Ke lo naya boperesiti e le tirelo e lo e fiwang. O sele yo o ka atamelang o tshwanetse go bolawa.”


“Se boifeng, letsomanenyana; gonne go natefetse Rraeno go lo naya puso.


Gonne ke itse gore e tla re ke sena go tsamaya, go tsene mo go lona diphiri tse di setlhogo tse di sa rekegeleng letsomane.


Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela, lo mphatlola pelo? Kana ke iketleeditse go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema, e seng go golegwa fela.”


Fa e le nna, ke eleditse ka ntlha ya moo gore le lona ba lo leng kwa Roma, ke lo rerele Efangele.


Ke mang yo o ka yang ntweng, mme a itlamele ka esi? Ke mang yo o tlhomang moweine mo tshimong, mme a sa je leungo la ona? Gape, ke mang yo o disitseng letsomane, mme a sa je mašwi a letsomane?


e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;


Badiredi le bone ba tshwanetse go nna batho ba tlotlego, ba se diteme-pedi, ba sa itlopele bojalwa, ba sa batle mahumo ka mokgwa o o maswe,


ba ba tshwanetseng go thijwa melomo, ka ba feretlha malapa gotlhe ka go ruta dilo tse di sa tshwanelang, e le ka ntlha ya papadi e mpe.


gonne mookamedi o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, e le yo o tlhokomelang tsa Modimo, e se yo o ikgantshang, e se yo o gakalang fela, e se letagwa, e se morumodi, a sa batle khumo e mpe,


yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.


O ba gakolole gore ba ikokobeletse mebuso e e laolang, ba e utlwe, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo,


Mme ke ne ke sa rate go dira sepe kwa ntle ga tetlelelo ya gago, gore molemo wa gago o se dirafale jaaka e kete ke ka pateletso, mme e nne ka pelotshweu.


lo ele tlhoko gore go se nne ope yo o diegelang bopelotlhomogi jwa Modimo, e se re gongwe modi o o galakang wa tlhoga, wa senya, mme batho ba bantsi ba kgotlelega ka ona.


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan