Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 4:8 - Setswana 1970

8 Bogolo go dilo tsotlhe ratanang thata; gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi bogolu go cona cotle, ratanañ thata; gone lorato loa tla bipa bontsi yoa libe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 mme bogolo go dilo tsotlhe, a go ratana ga lona go tuke; gonne lorato lo tle lo bipe bontsi jwa dibe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 4:8
17 Iomraidhean Croise  

Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe.


Lesilo le bontsha go ngala ga lone ka pele, mme yo o itshwereng pila o fitlha kgopisego.


Yo o bipang boleo jwa yo mongwe o batla thatano; mme yo o tsosang kgang gape o kgaoganya ditsala.


Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ene.


Le fa nka bo ke bua ka dipuo tsa batho le tsa baengele, mme ke se na lorato, nka bo ke diregile jaaka kgotlho e e dumang gongwe diphaphatshana tse di opiwang.


Lorato lo bopelotelele, lo bopelontle; lorato ga lo fufege; lorato ga lo ipoke, ga lo ikgogomose,


Mo godimo ga tsotlhe tseo lo apare lorato lo e leng sebofo sa botlalo.


A Morena a lo godise, a ba a lo totise loratong lwa go ratana le lwa go rata botlhe jaaka le rona re lo rata,


Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele.


Mme se taolo eo e isang kwa go sona ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng le mo segakoloding se se se nang molato le mo tumelong e e se nang boitimokanyo;


A lorato lwa go rata badumedi-ka-rona lo tlhomame.


Ba ga etsho, se segolo bogolo ke go re, lo se ikane ka gope, e seng ka legodimo le e seng ka lefatshe le e seng ka ikano e sele. Mme a “ee” ya lona e nne “ee,” le “nnyaya” a e nne “nnyaya,” gore lo se ka lwa wela mo molatong.


a a itse gore yo o sokololang moleofi mo tseleng ya gagwe ya timelo o tla pholosa mowa wa gagwe mo losong, a bipa dibe tsotlhe.


E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang,


Moratwa, ke eletsa gore o tshele sentle mo dilong tsotlhe, o nne yo o itekanetseng mo mmeleng jaaka mowa wa gago o phela pila.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan