Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 4:7 - Setswana 1970

7 Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi bokhutlo yoa lilo cotle bo atametse; ki gona, nañ tekano, mi lo rise mo thapeloñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo gaufi: ke gone lo nneng maikutlo a a itekanetseng, lo ikgape gore lo bone go ineela mo thapelong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 4:7
34 Iomraidhean Croise  

Ba dira jalo. Ba nosa rraabo weine le bosigo joo; yo mmotlana a ya a robala nae; mme ene a se ka a lemoga, fa a robala le fa a tsoga.


Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng.


Go ya kwa lapeng la moletlo go phalwa ke go ya kwa lapeng la khutsafalo; ka gonne sona seo ke bokhutlo jwa batho botlhe, mme yo o phelang a a se tshole ka pelo!


Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?


Bokhutlo bo tlile, bofelo bo e tla; bo go tsogetse, bonang, bo e tla.


“Ka moo, phaphamang! Gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tla tlang ka lone.


“Ka moo he, itiseng! Gonne ga lo itse letsatsi, le fa e le nako e Morwa-Motho a tla tlang ka yona.


“Lo itise, e se re gongwe dipelo tsa lona tsa imafadiwa ke bojabobe le botagwa le ditshwenyegelo tsa botshelo, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganyetso jaaka seru;


Disang he, lo rapele ka nako nngwe le nngwe gore lo tle lo kgone go falola mo go tsotlhe tseo tse di tla dirafalang le go ema fa pele ga Morwa-Motho.”


A ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang lo rapele go re lo se tsene mo thaelong.”


Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong.


ke gona go tla tlang bokhutlo, motlhang a tla neelang Modimo Rara bogosi, a sena go nyeletsa puso yotlhe le taolo yotlhe le thata yotlhe.


Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo.


lo ntse lo rapela ka gale ka Mowa ka merapelo yotlhe le ka mekokotlelo, mme lo nne lo thantse ka ntlha ya moo ka tlhomamo yotlhe, lo rapelele baitshepi botlhe;


A bopelontle jwa lona bo itsiwe ke batho botlhe. Morena o gaufi.


Tswelelang mo thapelong, lo nne lo thantse mo go yona ka tebogo.


Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo.


bo re ruta gore re itatole boikepo le dikeletso tsa lefatshe, mme re phele ka tekano le ka tshiamo le ka borapedi mo lefatsheng leno,


re se tlogele go phuthega ga rona, jaaka bangwe ba tlwaetse, mme re kaelane, bogolo thata ka lo bona letsatsi le ntse le atamela.


Gonne foo o ka bo a ne a na le go boga gantsi go tswa tlholegong ya lefatshe. Mme jaanong o bonetse gangwe fela mo bokhutlong jwa metlha gore a tlose boleo ka go itira setlhabelo.


Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.


Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega.


Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang.


“Reetsa, ke tla tla jaaka legodu. Go sego yo o itisitseng, a apere diaparo gore a se tsamae a sa apara, batho ba bona bosaikatega jwa gagwe!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan