Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 4:5 - Setswana 1970

5 ke bone ba ba tla ikarabelang fa pele ga gagwe yo o iketleeleditseng go atlhola baphedi le baswi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ba ba tla ikarabelañ ena eo emeñ a iketleritse go atlola batseri le bashui.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ke ba ba tlaa ikarabelang ene yo o iketleeleditseng go atlhola batshedi le baswi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 4:5
17 Iomraidhean Croise  

Gonne Morena o itse tsela ya basiami, mme tsela ya baikepi e isa tshenyegong.


Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula.


“Ka moo ke tla atlhola mongwe le mongwe wa lona Baiseraele ka fa tsamaong ya gagwe, go bua Morena Modimo. Tlhabologang tlhe, lo tlogele ditlolo tsotlhe tsa lona gore di se ka tsa lo digela mo tatlhegong.


“Ke lo raya ke re: Lefoko lengwe le lengwe la boithamako le batho ba tla le buang, ba tla ikarabela ka ga lone mo letsatsing la katlholo.


A mmitsa, a mo raya a re: ‘Ke eng se ke se utlwang ka ga gago? Ikarabele ka ga bookamedi jwa gago; gonne ga o ka ke wa tlhola o nna mookamedi.’


Mme o re laetse go rerela batho le go supa gore ke ene yo o tlhomilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baphedi le baswi.


gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.”


Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi.


Ke go ikanisa fa pele ga Modimo le fa pele ga Keresete Jesu yo o tla atlholang baphedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le ka puso ya gagwe, ke re:


Ba ga etsho, lo se ka lwa ngongoregelana, lo tle lo se ka lwa atlholwa. Bonang, moatlhodi o eme fa mojako.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan